Breaking News

Dikgang tsa marato dia tshwenya

14 Aug 2018

Mapodisi a motse wa Nata ga a jesiwe diwelang ke borre ba ba ketekang bakapelo ba bone.


Mo potsolotsong le BOPA bosheng, ramapodisi a Nata, Superintendent Vincent Pitseetsile a re dintwa tse di diragala thata fa gare ga baratani ba ba sa nyalanang e bile bangwe ba bone ba dirisiwa se ke dinotagi.


A re lentswa go gasiwa molaetsa wa gore banna ba seka ba kgokgontsha bakapelo ba bone ga go ba re sepe.


A re ba mo ditlhotlhomisong tse mme mongwe yo o dingwaga tse di masome mabedi le borataro wa kgotla yoo Sekao mo Nata a ketikilweng ke mokapelo wa gagwe morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.


A re ba santse ba batla rre yoo ka a ineile naga.


Supt Pitseetsile o supile fa bojalwa bo na le seabe se segolo mo dintweng tsa baratani.


A re mo bosheng gape mme mongwe wa kgotla yoo Moaloso mo Nata o ketikilwe ke mokapelo wa gagwe, a bolela fa ba le mo letsomong la rre yoo.


Supt Pitseetsile o gakolotse borre go ikuela fa ba na le mathata go na le go itseela ditshwetso ka go keteka.


“Kgang kgolo ke ya molomo, fa motho a sa batle, a wa rre a amogele seemo ka fa se ntseng ka teng,”a kopa.


O tlhalositse fa borre ba sa batle go amogela fa ba tewa go twe lorato lo fedile.


A re borre ba tshwanetse go amogela ditshwetso tsa bakapelo fela jaaka bomme ba amogela tsa bone.


“Sethunya ga se swabile se a be se swabile, ya go kgetlha se sengwe ko o se kgetlhang teng,” a tlhalosa.


O gakolotse borre gore ba tlogele go eteletsa dikiteo le polao ko pele ka seo e se tharabololo mo botshelong.


Mo go tse dingwe, motsamaisa tsheko ya lekgotla la setswana, constable Tonic Tebele a re ga ba robadiwe ke bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa.


A re ba sale jaaka ba bolotsa letsholo la kgomo-khumo mo Nata le metse e e mabapi e le maikaelelo a go lwantsha bogodu jwa leruo, ba na le dikgetsi tse di mmalwa tsa bogodu jwa dikgomo.


A re bosheng borre ba le babedi ba atlhotswe dingwaga tse tlhano kwa kgolegelong mabapi le go fitlhelwa ka nama ya kgomo ya bogodu kwa morakeng wa Marulamantsi ko Zoroga.


O supile fa yo mongwe a ne a disa leruo leo mme ba bolaya kgomo ya mhiri mmogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : NATA

Event : potsolotso

Date : 14 Aug 2018