Lions Club e ka thusa - Sekgoma
13 Aug 2018
Kgosi Mokhutshwane Sekgoma o rotloeditse morafe wa Serowe go inaakanya le mokgatlho wa Lions Club ka o ka fetola matshelo a bone, bogolo jang ka o kgathala ka botshelo jwa motho.
O buile jaana fa a ne a bula tiro ya go isa ditirelo kwa setshabeng e e e neng o rulagantswe ke ba Serowe Central Lions Club ka Matlhatso.
Go ne go tlhatlhobelwa malwetse a matlho, kankere,sukiri, ngope, le gone go aba madi.
Bangwe ba ne ba fiwa digalase tsa go bala, fa bangwe ba ne ba fiwa mekwalo ya go ya kwa kokelong e kgolo.
Kgosi o ne a re se se dirwang ke mokgatlho wa Lions Club ke tiro e kgolo e e ka dirang pharologanyo mo matshelong a batho, ka ba itebagantse le tsa botsogo le gone go thusa ba ba seng lesego mo sechabeng.
Kgosi Sekgoma o akgotse maloko a mokgatlho go bo ba supile mowa wa go ithaopa a re ke selo se se eletsegang thata bogolo jang ka mowa wa go ithaopa o nyelela.
O ne a rotloetsa makgolokgolo a morafe o o neng o tsile go akola dithuso tse di neng di fiwa mo letsatsing leo go di amogela ka lorato ka maikemisetso e le go ba thusa mo malwetseng a a farologanyeng,.
Kgosi o ne a rotloetsa banni go inaakanya le mokgatho wa Lions Club.
A re ka fa ba dirang ka teng go supa gore ba ka dira go le gontsi fa go na le matsogo a mantsi.
Mo go la gagwe tautona wa mokgatlho Mme Julia Bothasitse o ne a re mokgatlho wa bone o o itebagantse thata le ditiro tsa boithaopo go direla setshaba, bogolo jang mo go tsa botsogo ka go lemoga fa malwetse a a tshwanang a bo sukiri, ngope a bolaya batho ka bontsi.
A re maikaelelo a bone ke go isa ditirelo kwa bathong, bogolo jang ka go se bonolo mo go botlhe go bona kalafi ka nako, a re bangwe ba nna kwa go senang ditlamelo, fa gongwe go paledisa le one madi tota.
Mme Bothasitse a re ba lebelela fa go nang le letlhoko teng.
A re ka jalo ka go lemoga fa bagodi ba sena fa ba nnang teng fa ba ile go amogela madi a bogodi kwa posong ya Rasebolai, ba ne ba tswa ka moono wa go ba agela moriti, a re ba dira se ka dithuso go tswa mo setshabeng a tlatsa ka gore re tsholofelo ke go bona morafe o ba ema nokeng mo ditirong tsa mothale o.
Rre Lass Maemo o tlhalositse fa a lebogetse thuso e ngwana wa gagwe a e boneng.
Rre Maemo yo o tswang kwa Selebi Phikwe a re e rile go bona mokwalo mo pampering ya dikgang a fetsa mogopolo go isa ngwana wa gagwe wa dingwaga tse di robang bongwe yo o tshwenngwang ke matlho.
“Ntswa a ntse a fiwa molemo, go lebega o sa thuse, mme ke itumetse ka ngaka o mo kwaletse digalase dingwe, re ya go di tsaya kwa Sekgoma.
Ke lebogile thata bogolo jang ka ngaka a re di tlaa busetsa matlho a gagwe mo seemong se se siameng,” Rre Maemo a tlhalosa ka boitumelo.
Dingaka tsa matlho Mme Thanuja Panicker go tswa Tlokweng le Rre Anand Nighojkar wa JB Eye kwa Serowe ba ne ba tlhatlhoba setshaba mahala. ENDS
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Pulo ya go isa ditirelo kwa setshabeng
Date : 13 Aug 2018



