Kgosi o akgola Tautona le mananeo a aa tlhomileng pele
13 Aug 2018
Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume o akgotse Tautona Mokgweetsi Masisi le go mo eleletsa katlego mo tirong ya gagwe.
Kgosi Nsala o ntshitse kakgolo eo fa a ne a amogela lekoko la mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi kwa Tutume ka Laboraro.
A re o leboga le go amogela Tautona le mananeo a a a tlhomileng pele, fa a tsaya boeteledipele jwa lefatshe leno.
O ne a akgola ka fa go tlhatlhosiwang maemo badirelapuso ba maemo a magolwane, a re o setse a itemogetse fa puso e le mo moonong wa go fa bomme sebaka sa boeteledipele ka go lebega bomme ba filwe boeteledipele ba le bantsi mo nakong ya gompieno.
Kgosi o ne gape a kopa puso go sekaseka mabaka a pereko a badirelapuso go lebilwe dikatso le ka fa ba berekang ka teng.
Rre Morupisi o ne a tlhalosetsa badirelapuso ka ketsaetsego e e teng ya thulaganyo ya go thusa bo Tautona ba pele ka sepalamo,a re go ya ka paakanyo ya molao wa 2017 o neela Tautona dithata tsa go sekaseka le go bona gore go a kgonega go ka ba thusa ka sepalamo mme a dira seo a setse molao motheo morago.
O kopile badirelapuso go ema nokeng mananeo le dikeletso tsa ga Tautona nokeng. Rre Morupisi a re puso e eletsa gore banyalani ba ba berekelang kgakala le malwapa a bone ba ikopele go atamela banna kana basadi ba bone mme seo ga se patelediwe.
O rotloeditse badirelapuso go nna ba ikoketsa dithuto,a re puso e eletsa go bona bangwe ba alogile e bile ba direla kwa mafatsheng a sele. O tsweletse a supa fa Tautona a dumalane le makgotla a babereki fa komiti ya makgotla a babereki le mmuso(bargaining council) e tla tlhongwa ka kgwedi ya Lwetsi monongwaga, a re ka yone batla leka go kopanela dikgang kana matshwenyego a a amang babereki.
Fa araba matshwenyego a bone.o boletse fa selelo sa tlhaelo ya matlo a boroko a badirelapuso e le selelo lefatshe ka bophara,a re puso e leka bojotlhe ka kgang eo.
O gwetlhile badirelapuso go nna le boikarabelo jwa go bona gore batho ba bona ditirelo ka nako go na le go isiwa kwa le kwa,a gatelela ka gore makalana otlhe a puso a diretswe go thusa Batswana.
Rre Morupisi o ne a ba tshepisa fa a tlaa kopa bakwaledi ba maphata ka go farologana go ba etela go tla go utlwa matshwenyego a bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kamogelo ya lekoko la mokwaledi wa ga Tautona
Date : 13 Aug 2018



