Breaking News

Banana ba itshetsa ka dihutshane tsa LIMID

13 Aug 2018

Mo  Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone go borre ba babedi ba banana ba ba tlholegang mo kgotlaneng ya Mpeo.

E ne yare go latlhegelwa ke letseno bakeng la go tswalwa ga moepo wa Lerala ka 2017 ba seka ba itshopara mme ba tsenya kopo le ba lenaneo la dipodi tsa LIMID.

Mongwe wa borre bao, Rre Duncan Bataatweng yo o dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi o boletse mo potsolosong fa e ne ya re ka 2017 Ngwanaatsele a tsenya kopo ya dipudi tsa LIMID mme e ne yare mono ngwaga ka Motsheganong a bo a amogela dipodi tsa LIMID di oroba bongwe.

O boletse fa a tlhokomela dipodi tsa gagwe kwa masimo e bile a eletsa go di bona di mo jesa, mme ebile a supa faa ikaelela gore di mo thuse mo thulaganyong ya tsa lenyalo kaa batla go nyala.

Rre Lucky Mokgatlhe wa dingwaga tse masome mararo le bongwe le ene fela jalo o boletse fa a ne a latlhegelwa ke mmereko ka ngwaga wa 2017 ko moepong wa Lerala.

Fela jaaka Rre Bataatweng, Rre Mokgatlhe o ne a amogela dipodi ka lenaneo la LIMID mono ngwaga morago ga go tsenya kopo.

Bobedi jo bo boletse fa bone bo berekela mo lephateng la tsa metlakase e ba supileng fa ba e ithutetse mo tirong mme ba nna ba tlhatloga le nako mo tirong ya bone.

Ba boletse fa ba simolotse go bereka mo moepong wa Lerala ka ngwaga wa 2011.

Ba boletse fa moepo oo o ne o tle o tswalwe mme morago o bulwe ka jalo bone ba ne ba sala mo go one ba tsweledisa ditiro tse dingwe, go fitlha otla go tswalwa ka 2017.

Rre Mokgatlhe o boletse fa a ne a latlhegelwa ke dilwana tsotlhe tsa ntlo tse aneng adi rekile ka sekoloto a santse a bereka mo moepong bakeng la go palelwa ke go feleletsa dituelo mme se are se ne sa mo gwetlha go ema ka dinao mme a inaakanya le mananeo a puso.

Bobedi jo bo boletse fa bo ne jwa itlhophela lenaneo la dipudi ka bare le bogadi bo gaufi gape ga di tlhoke dithutego tse di rileng ba di disetsa fela mo masimong a a gaufi le motse.

Ba supile gore fa goka diragala gore ba busetswe mo tirong batla ikaelela go tlhamela bangwe ka bone mebereko kago ba thapa gore ba sale ba ba diseditse mme go se nneng jalo ba boletse fa ba ikaelela go ya golo gongwe ka thuo ya bone.

Bobedi jo bo setse bo tlhomile matlo a dikoko mo malwapeng, ka ba re ke nngwe tsela ya go tsholetsa letseno la bone go itsa go lebagana le dipoelo tsa dipodi fela. ENDS

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 13 Aug 2018