Bogodu jwa leruo ga bo jese Sojwe diwelang
13 Aug 2018
Kgosi Tlhabologang Hube wa Sojwe kwa kgaolong ya Kweneng a re ga ba robadiwe ke dikgang tsa bogodu jwa leruo jo bo atileng mo kgaolong ya gagwe.
Kgosi Hube o kaile fa barui ba tshwenngwa ke magodu a a utswang dikgomo, ditonki le dihutshane.
Kgosi Hube o ntshitse selelo sa gagwe mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa barui ba kgaolo eo jaanong ba lela sa ga ragele ka jaana magodu a utswa dikgomo go di tlhaba ba rekisa dinama, fa marole one ba a rekisetsa batho ba ba batlang dikgomo tsa bogadi.
O tlhalositse fa dihutshane di utswiwa thata fa mananeo a puso a tshwana le la nyeletso lehuma a buletswe ka magodu ba gabile go dira madi.
Le fa go ntse jalo, o kaile fa mapodisi le morafe ba eme ka dinao go lwantsha bogodu jwa leruo mme a kopa barui go tsosolosa ditlhopha tsa barui ga mmogo le go tlhokomela leruo.
Mo go tse dingwe Kgosi Hube o ne a supa fa go na le bangwe batho ba ba rekisang majalwa a sekgoa mo malwapeng kgatlhanong le molao wa majalwa a go nna jalo a a tshwanetseng go rekisediwa kwa dibareng ka diteseletso.
O ne gape a supa fa bangwe barekisi ba majalwa a mo malwapeng ba sa tlotle dinako tsa thekiso e bile modumo wa diletso o sa robatse banni.
Kgosi Hube o boletse gape fa motse wa gagwe o tlhaelelwa ke boroko jwa badirela puso bogolo jang ka maphata a puso aa direlang koo a le mokawana.
Kgois Hube o ne a tswelela a supa fa botlhoka tsebe jwa baithuti bo santse bo tshwenya fela thata kwa sekolong se segolwane sa Matsheng mo e bileng bogogi jwa sekolo bo kile jwa mmitsa go ya go kgalemela baithuti mme a re go na le bangwe ba e santseng ele maidi.
Kgosi Hube a re baithuti ba amega mo dikgannyeng tsa go dirisa ditagi le go nwa bojalwa mme a kopa batsadi go tshwaraganela bana le bogogi jwa sekolo go lwantsha botlhoka tsebe.
A re seemo sa sekolo sa Matsheng ga se jese diwelang, a re dikago tsa sone di tlhoka go tsibogelwa go tlhabololwa ka se le mo seemong se se sa siamang.
O supile fa go tlhabolola thuto ya ngwana go le botlhokwa ka go tshwana le go beeletsa, ka jalo dikgang tse di amang thuto di tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo. ENDS
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : SOJWE
Event : Potsolotso
Date : 13 Aug 2018



