Guma o kopa ba Mabudzane go ema Tautona nokeng
13 Aug 2018
Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Samson Guma o kopile banni ba Mabudzane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba gore ba tlotle ba bo ba eme Tautona Mokgweetsi Masisi nokeng gore a kgone go dira tiro ya gagwe sentle.
Fa a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng, mopalamente o gakolotse banni gore jaaka Botswana a na le moeteledipele o mosha e leng Tautona Masisi, Batswana botlhe ba tshwanetse go tshwaragana gore tiro ya ga Rre Masisi e nne motlhofo.
Rre Guma a re jaaka go iwa ditlhophong mo ngwageng o tlang, bo ntlhopheng ga ba a tshwanela go lebela batho ba ba ba tlhophang kwa tlase le go ba nyatsa fa ba ipapatsa mo go bone.
A re setshaba se agiwa ke mowa wa popagano le lorato, go sena tiriso ya mafoko a a kgobang ba bangwe.
Ka jalo Rre Guma o rotloeditse botlhe ba ba tlaa bong ba emetse ditlhopho gore ba diragatse thomo le ditsholofetso tsa botlhe fa ba sena go tlhophiwa.
Rre Guma a re go le gantsi fa go iwa ditlhophong bo ntlhopheng ba tla bo ba simolola botho jo bo sa amogelesegeng ka jalo botho joo bo tlhakatlhakanye lefatshe.
A re Botswana ke lefatshe le le amogelang batho botlhe ka dingwao le diteme tse di farologaneng ka jalo ga a eletse Botswana a ka kgaoganngwa ke polotiki ee lesotlo.
“Boeteledipele bo tshwanetse go kgalemela mapolotiki ba seka ba bua mafoko a a ka sekeng a tsise ditlhabololo mo matshelong a lona, mafoko a a tsisang kgaogano le semorafe mo go lona,”ga tshwaela Rre Guma.
O tsweletse ka go kopa batsenelela phuthego gore ba tlhomamise gore bo Omang ba bone ba mo tirisong mme a rotloetsa Kgosi gore ka dinako tsotlhe fa ba tshwara ditphuthego tsa motse ba gakolole banni ka kgang e.
Banni ba ne ba ngongorega ka di phaepe tsa metsi tse di dutlang mme e bile a supa fa ba lephata la metsi ba kgona go kgaola metsi malatsi a mantsi ntle le go tsibosa morafe.
Ba ne ba tswelela ka go lebogela motlakase oo gokeletsweng mo motseng wa bone ba re se ke ditlhabololo tse di tshwanetseng go iteelwa legofi.
Rre Boipuso Pampiri go tswa kwa lephateng la metsi a re go dutla ga diphaepego gontsi ka gore di phaepe tse di phatlalatsang metsi ke tsa bogololo ka jalo di tsofetse.
O tlhalositse fa puso e kopile madi kwa lekalaneng la World Bank gore go tsenngwe di phaepe tse disha go tswa kwa letamong la Ntimbale.
A re fa di phaepe tseo di tsentswe ga go na go nna le medutlo le kgaogo ya metsi ee amileng kgaolo ya Bokone Botlhaba.
A re ka tshwanelo fa metsi a kgaolwa Batswana ba tshwanetse go bolelelwa ka nako mme ka jalo a kopa maitshwarelo boemong jwa lephata la gagwe gore ka dinako dingwe ga ba nke ba itsitse banni ka kgaogo e.
E rile a tswa la gagwe Kgosi ya motse Rre Nchidzi Ndzimumbi o rile ba na le lobaka ba sa bone Mopalamente ka jalo ba itumeletse go mmona e bile ba tlaa kgona go buisana ka matshwenyego a bone.
Kgosi Ndzimumbi o rotloeditse banni gore ba nne ka kagiso le gore ba tlhokomele leruo la bone go le itsa go tlolela mo tseleng ya A1.
A re tsela eo e tona mo Botswana mme a tlhalosa fa leruo leka nna botlhabetsi mo badiriseng ba yone.
Mokhanselara Isaac Pelaelo o ne a re o lebogela go bona banni ba motse ba tsile pitsong ka dipalo tse di kwa godimo go tla go buisana ka matshwenyego a bone le mopalamente.
A re ditiro dingwe tse ba neng ba di dira ka madi a dikgaolwana tse di tshwanang le go tsenya motlakase, metsi le marogo di wetse.
A re banni ba motse ba dumalane gore go okediwe moalo wa metsi ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolwana gore ba ba nnang kgakala kwa go senang moalo wa diphaepe ba bone metsi. ENDS
Source : BOPA
Author : Othusitse Khuwa
Location : MABUDZANE
Event : Phuthego
Date : 13 Aug 2018



