Breaking News

Sekai o tshwenngwa ke modumo le leruo

13 Aug 2018

Mothusa kgosi wa Bakgatla-ba-ga Kgafela, Kgosi Bana Sekai o kopile morafe wa gagwe go mo thusa go batla tharabololo mabapi le modumo le leruo le le sasankegang mo Mochudi.

Kgosi Sekai o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse ka Phatwe a le 11.

O boleletse phuthego gore o tshwenngwa ke modumo, segolobogolo wa diletso mo marekisetsong a bojalwa.

A re le fa gare ga beke go lelediwa kwa godimo.

A re batho ba marekisetso ba ntshetsa diletso tsa bone kwa ntle mme ba di lebaganye le malwapa, a re seo se itaya le bana ba dikole tsebe fa ba re baa ithuta.

A re beng ba marekisetso ao, ga ba tlotle le lone leso, ka ba tlhodia fela mo e bileng batho ba sa kgone go tshwara ditebelelo. Kgosi Sekai o kopile ba sepodise le khansele go tshwaraganela tiro e le morafe, a tlatsa ka gore molao o o laolang modumo o tshwanetse wa diragadiwa.

Fa a bua ka leruo, Kgosi Sekai o supile fa leruo le sa letlelesege mo motseng, ka jalo a kopa gore le hudisetswe ko merakeng.

O boletse fa aa fa barui sebaka sa dikgwedi tse pedi gore e bo ba ntshitse leruo mo motseng.

Kgosi Sekai o ne gape a bua fa a tshwentswe ke majalwa a a santseng a rekisetswa mo malwapeng mme a bolela gore kgwedi eno fa e fela baba santseng ba dira jalo babo ba emisitse. Matshwenyego a mangwe ke a ditagi tse di tshwanang le motokwane mme o kopile morafe go loma mapodise tsebe fa ba itse mongwe yo o gwebang ka one.

Kgosi Sekai o ne a kopa Bakgatla go ipaakanyetsa moletlo wa ngwao o o tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang ya Lwetse e le masome mabedi le bone ko Moruleng, kwa Aferika Borwa.

O tlhalositse fa mo godimo ga moo, go tlaa bo go ketekwa dingwaga di le lesome tsa ga Kgosi Kgafela II a le mo setilong, le di le tlhano a le kwa Afrika Borwa.

Mo go tse dingwe Kgosi Sekai o supile fa a tshwenyegile ke go sa direng sentle ga setlhopha sa Mochudi Centre Chiefs.

O ne a re go tlhalosiwe gore a ke setlhopha sa morafe kgotsa sa beng ba sone, mme fa e le sa morafe, bogosi bo tlaa nna le seabe go batla tharabololo.

Fa baa kgwa kgosi dikgaba, morafe o ne wa supa ka bongwe fela fa le one o tshwenyegile segolobogolo ka modumo wa bosigo jotlhe.

Rre Mokalake Fanuel o ne a re ba molao ba khansele ba tshwanetse ba fiwa dithata tsa go emisa modumo.

Rre Tuki Ntshole o ne a botsa gore ba sepodise le khansele ba dira eng ka molao wa modumo ga o salwe morago.

O tlhalositse fa molao o tlhalosa gore diletso ga di a tshwanela go ntshetswa kwa ntle ga dikago tsa marekisetso.

Rre Mmusi Kgafela o boletse fa a kile a rungwa ke mogolowe, e bong Kgosi Kgafela II go ikuela kwa kgotleng kgolo mabapi le mogwebi mongwe yo o neng a tsosa modumo.

O tlhalositse fa modumo o ne wa emisiwa ka taolo ya kgotla kgolo mme a gakolola morafe gore mongwe le mongwe o ka dira jalo, le kgotla ya Setswana e ka ntsha taolo ya gore modumo o emisiwe.

Rre Segale Molefe o ne a kopa gore beng ba marekisetso a bojalwa ba biletswe mo kgotleng, go rerisanngwe le bone mme fa seemo se sa fetoge, ke gone go bitswe ba sepodise.

Mafoko a a ne a tladiwa ke Rre Pheko Phefo yo o neng a bolela fa a sa tlhaloganye gore ke eng go tsosiwa modumo ka jaana marekisetso a Rasai a rekelwa ntswa ba sena diletso.

Mme Senyana Moje le ene o ne a tlhalosa fa a sa robadiwe ke leruo. ENDS

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOCHUDI

Event : phuthegong ya kgotla

Date : 13 Aug 2018