Kereke e abela bagodi ba Ramokgwebana
13 Aug 2018
E re jaaka go twe go sego letsogo le le abang, ba kereke ya Rivers of Life International Ministries ba abetse bagodi ba Ramokgwebana dikobo, dijo le tse di tlhapang.
Moruti wa kereke eo, Rre Thabang Thula a re lentswa kereke ya gagwe e le kwa Molepolole, o bone go tshwanela go tla go ba fa dikobo le dijo pele ga metse e mengwe, ka gore botsadi jwa Ramokgwebana bo mo godisitse sentle ka lorato.
A re o se a leng sone ka ntata ya bone, ka jalo o bona go tshwanela gore a ba leboge. Dingwe tsa dimpho tseo ke ditlhatlheo le melora e tlhapang.
“Ke godisitswe ke botsadi botlhe jwa Ramokgwebana, e bile nna ke ne ke otlhaiwa ke motsadi mongwe le mongwe mo motseng,”a tshwaela.
Moruti a re fa motsadi a itumelela ditiro tsa ngwana wa gagwe, Modimo o bulela ngwana dikgoro tsa tshegofatso, ka jalo o rotloetsa banana gore ba tlhokomele batsadi ba bone ka dinako tsotlhe.
A re kwa kerekeng ya bone, tebelopele ya bone ke go rera lefoko la modimo le go abela batho ba ba tlhokang sepe fela go ba tshedisa.
O ne a re o leboga mme mmaagwe go bo a mo godisitse gore a nne motho yo o pelotlhomogi yo o nang le mowa wa neelano.
O ne a tswelela a rotloetsa ba kereke ya Rivers of Life International Ministries go tswelela ba abela ba bangwe ka dinako tsotlhe, a supa se e le go diragatsa maitlamo a sekeresetse a go neelana.
Kgosi Mollen Dube wa Ramokgwebana o supile fa e se lantlha Rre Thula le ba kereke ya gagwe ba ba abela dimpho.
A re o kile a ba neela kuku le dikgomo tse pedi ka nako e Botswana a nneng a ipelela ngwaga tse dimasome a matlhano, mme a re se se supa fa kereke e e le pelotlhomogi.
Kgosi a re moruti Thula ke motho yo o direlang botsadi jwa motse wa Ramokgwebana fela botlhe, ka jalo a re o itumelela gore ga a ka a lebala kwa a tswang teng le ntswa kereke ya gagwe e le kwa Molepolole.
Mmaboipelego Rebecca Malema a re batsadi ba gakologelwe gore mo dingwageng tse di fetileng puso e ne ya kopa setshaba, dikereke le makgotla a a ikemetseng ka nosi go thusa go tlhabolola motswana mongwe le mongwe gore a nne le botshelo jo bo kgatlhisang.
A re go supa gore ba kereke ya Rivers of Life, ba ne ba sekegela tsebe selelo sa puso ka go abela batsadi dimpho tse di farologaneng.
O ne a rotloetsa ba ba filweng dimpho gore ba di tlhokomele, e bile ba lemoge gore ga go na mpho e nnye ka gore ene o dumela gore dimpho tse di ne di tswa mo boteng jwa dipelo tsa baphuthegi. ENDS
Source : BOPA
Author : Othusitse Khuwa
Location : RAMOKGWEBANA
Event : Kabo ya dimpho
Date : 13 Aug 2018



