Tona o tsibogela mathata a dikole tsa Makalamabedi
12 Aug 2018
Tona wa thuto go tswa moding Rre Bagalatia Arone o solofeditse banni le barutabana ba dikole tsa Makalamabedi legare fa a tlaa potlakela matshwenyego a bone ka go tla le lekoko la baeteledi pele ba thuto go tswa Gaborone le ba kgaolo ya bone ya Legare.
Se se tla morago ga gore barutabana ba dikole tseo; se segolwane sa Makalamabedi le se sebotlana sa Baipidi ba ikuele mo go Tona Arone yo o neng a buisa phuthego ya morafe kwa Makalamabedi ka Labobedi.
Rre Arone o ne a re dikgwetlho tsa sekole sa Makalamabedi di ngomola pelo e bile a re di tshwana le tsa dikole tse dingwe tse di mo mpeng ya lehuma jaaka tse di kwa kgaolong ya Okavango le kgaolo ya Kgalagadi jaaka letlhoko la boroko jwa barutabana le dikago tsa sekole tse di onetseng e bile di tlhaela.
Le fa go ntse jalo, Rre Arone a re puso e ikaelela go tsosolosa serudumo sa thuto, ka jalo e tshwanetse ya tsibogela dikgwetlho tsa barutabana le dikole.
Tona Arone o bile a gwetlha barutabana gore ba obamele melao ya phiro le ntswa ba sa itumedisiwe ke diemo dingwe mo tirong, a supa fa ba tshwanetse go buisana le boeteledipele ka diemo tsa bone sentle ba tshwere ka natla.
A re lephata la thuto go tswa kwa moding le mo maikaelelong a go fetola ditsamaiso dingwe gore thuto e nne ya boleng jo bo kwa godimo.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Baipidi mo Makalamabedi legare Mme Keneilwe Mokobela o supile fa sekole seo se na le tlhaelo ya ntlo ya borutelo le ya bana ba bannye.
A re ba kopile kwa khanseleng go fetola ntlo e nngwe ya boapeelo borutelo jwa bana mme ga ba a fiwa phetolo.
Mme Mokobela o ne gape a re ba tlhaelelwa ke matlo a borutelo jwa maranyane le dibala magolo.
Morutabana wa sekole se segolwane sa Makalamabedi Rre David Gwanga ene o supile fa ba sa bone dithuso sentle fa e sale sekole seo se hudusediwa mo kgaolong ya Legare go tswa kwa kgaolong ya Bokone Bophirima.
Morutabana wa sekole sa Makalamabedi Rre Nthaba Modise le ene o ne a ikuela gore o na le dingwaga tse dintsi mo sekoleng seo.
Rre Modise o ne gape a re go hudusiwa ga sekole seo go isiwa kwa kgaolong ya Legare go ba beile ka fa mosing. ENDS
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAKALAMABEDI
Event : phuthego ya morafe
Date : 12 Aug 2018



