Breaking News

Marekisetso a Choppies kwa Molapowabojang a thubilwe

12 Aug 2018

Mapodisi a Lobatse a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone  lebentlele la Choppies kwa Molapowabojang le neng la thujwa ke magodu a a neng ba sia ka megala ya lotheka e e  lopang P6 637 le P23 000.

Mo potsolosong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Lobatse Assistant Superintendent Benedict Matlho a re lebentlele leo le ne la thujwa makuku a kgwedi eno e supa.

O ne a tlhalosa fa modisa dikago wa lebentlele leo a ne a tsibosa ba ofisi kgolo ya G4S kwa Gaborone mme ba kgona go leletsa mapodisi a Lobatse morago ga gore a lemoge fa dilalome tseo di tsene mo lebentleleng di sena go kgaola alarm.

Rre Matlho a re magodu ao a ne a tsena ka phatlha e ba neng ba e sega kwa godimo ga disenke tsa marekisitso ao, mme morago ba thuntsha sebolokelo sa madi ka dithunyi mme a tsaa P23 000 le go utswa megala ya lotheka.

Assistant Superintendent o ne a tlhalosa gore e rile ba tsweletse ka go ikadima dithoto tsa Choppies, mapodisi ba ne ba goroga mme dilalome tsa leka go inaya naga, ba latlha madi, mme mongwe wa bone a kgona go sia fa yo mongwe ene a ne a tshwarwa a sena go thuntshiwa.

Rre Matlho a re mmelaelwa yo o bonyeng dikgobalo ke lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bone yo o tlholegang kwa Molepolole mme a santse a le kwa bookelong go alafelwang dikgobalo.

Assistant Superintendent o ne a gakolola bagwebi ba marekisetso go emisa go baya madi a mantsi kwa marekisitsong mme ba a ise kwa dibankeng ka madi a mantsi a  oka magodu.

O ne gape a ba rotloetsa go nonotsha itshireletso ya bone ka go oketsa badisa dikago bogolo jang ba ba berekang bosigo le gone go tsenya maranyane a CCTV gore ba kgone go ntsha ditshwantso tsa dilalome. ENDS

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : MOLAPOWABOJANG

Event : Potsolotso

Date : 12 Aug 2018