Mogokgo o tshwenyega ka bana ba sekole
12 Aug 2018
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Xere mo kgaolong ya Boteti Mme Boikanelo Makosha a re o tshwenyega ke bana ba ba tlogelang sekole.
Mme Makosha o buile jalo fa a amogela dimpho tse di tswang mo babereking ba meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ba lekalana la tsa Itshireletso ka Labone.
Babereki ba, ba abetse bana ba sekole seo didirisiwa tsa thuto, tsa go tlhapa, mesangwana ya bomme, diphaleche le diaparo.
A re mo ngwageng ono, go setse go dule bana ba le bane mo sekoleng, ba le bararo mo palong eo e le ba lekwalo la bosupa fa a le mongwe a ne a dira lokwalo lwa borataro.
Mme Makosha a re seemo se se a tshwenya ka jaana batsadi ba sa dire maiteko ape a go rotloetsa bana go tsena sekole.
O tlhalosa fa sekole sa gagwe se sa dire sentle mo dithutong, a supa fa ka 2014 ba bone maduo a 36 per cent, ka 2015 ba dira 17 per cent, fa ka 2016 ba ne ba dira 38 per cent mme 2017 gone ba dirile 50 per cent.
A re maikaelelo a bone ke go dira 70 mo ngwageng ono, a tlatsa ka gore ba dira ka natla go tokafatsa maduo.
Mme Makosha o boletse fa sekole se se butswe ka 2004 banni ba Xere ba sena go hudusiwa go tswa kwa CKGR.
O tlhalosa fa sekole sa gagwe e le sengwe sa tse tlhano tse di kgakala le ditlamelo tsa kgaolo ya Boteti.
Sekole sa Xere se na le baithuti ba le lekgolo masome a ferabobedi le bongwe mme mo go bone ba le lekgolo le masome a mane le botlhano e le ba ba thusiwang ke ba boipelogo fa ba le bane e le masiela.
Mme Makosha a re ba na le lenaneo le ka lone bana ba fiwang dijo mo sekoleng ga bedi mo letsatsing ka jaana bane ba itemogetse gore bana ga ba je sentle kwa malwapeng.
A re sekole sa gagwe se na le barutabana ba fera bongwe ba ba rutetsweng tiro, fa a le mongwe e le yo o hirilweng ka nakwana, ba ditiro tse dingwe ba le batlhano le ba le lesome ba tirelo setshaba le baithaopi ba Ipelegeng.
Mme Makosha a re fela jaaka makalana a mangwe a thuto ba na le dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto ka jalo a ikuela mo dikhamphaning go ba thusa ka lenaneo la Adopt a school.
Kgosi Molaodi Moipalai wa motse oo o ne a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa kgathaleng ka thuto ya bana.
Kgosi a re bana ba tlogela dikole go tsena mo maratong mme ba tshole bana ba le bannye, ka jalo a kopa batsadi go fetola seemo seo mme ba lemoge mosola wa thuto.
Kgosi a re bana ba bone ba felela fela mo sekoleng se sebotlana, a tlhalosa fa a eletsa gore bana ba bone ba ye kwa dikolong tse dikgolwane gore ba tle ba tlhabolole motse wa bone, kana bangwe ba bone ba fetoga baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso.
Kgosi o ne a rotloetsa bana gore le fa ba le kgakala le ditlamelo ba seka ba inyatsa mme ba tlhoafalele thuto.
Mogolwane wa lekalana la tsa itshireletso wa Meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa Mme Mpopi Moatlhodi a re ba na le matshego a ba tshelang ka one kwa khamphaning ya bone, ka jalo a re ba dirisitse le le reng ‘Supa gore o a kgathala’ mme ba kgobokanya madi gore ba thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Mme Moatlhodi a re go le pele ba ne ba lekola sekole seo go utlwa matshwenyego a bone ke ka moo ba neng ba ba rekela dimpho tse e leng letlhoko legolo la bone.
A re ba dira se ba le mo tseleng ya go leka go betla bokamoso jwa bana ba ba kgakala le ditlamelo gore ba seka ba itlhoboga le go ba lemotsha gore go na le batho ba ba kgathalang ka bone.
Mme Moatlhodi a re bana fa ba nna le letlhoko le le ntsi ba ka kgobega marapo mme ba seka ba kgatlhegela go tsena sekole. ENDS
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : XERE
Event : Kamogelo dimpho
Date : 12 Aug 2018



