Breaking News

Go tlhokomela bana go ka ba rotloetsa go ithuta ka tlhoafalo

12 Aug 2018

Mookamedi wa Age Friendly Counseling Centre Rre Molemi Leinane a re o tseela kgodiso ya ngwana kwa godimo ka e rotloetsa bana go dira sentle mo dithutong.

O buile jaana fa a ne a buisa batsadi kwa sekoleng se sebotlana sa Motetshwane kwa Serowe bosheng.

Rre Leinane a re khamphani ya gagwe e gwetlhilwe ke go bona go na le batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana.

Rre Leinane a re ngwana ke tshegofatso go tswa kwa Modimong, ka jalo a kgothatsa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana.

O ne a kopa batsadi go tshwaraganela bana le barutabana gore bana ba kgone go tsoga ba itshetsa.

O kopile botsadi gore ba tlhomamise gore bana ba bone ba ya sekoleng ba le phepa e bile ba jele dijo tsa maphakela.

O boletse gore bana ba tshwanetse go tlotlwa le go ratwa ka gore go dira jalo go ka ba rotloetsa go dira sentle mo dithutong.

A re batsadi ba tshwanetse go itse le go lebelela letlhoko la bana go na le go eteletsa dikeletso tsa bone kwa pele.

Rre Leinane o kopile batsadi go duelela bana sekolo, a re fa ngwana a sa ntsha madi a sekole ga a phuthologe fa a na le ba bangwe mme seemo sa teng se felele se ama tiro ya gagwe ya sekole.

O ne a ba kopa go ela tlhoko mafoko a ba a dirisang fa ba kgalemela bana ka gore mafoko a mangwe ga a age bana, e bile a ka ba dira gore ba gole e le batho baba senang boikarabelo mo setshabeng.

A re bana ba rutwa maitseo kwa lapeng, ka jalo o kopile batsadi go ruta bana ba sa ntse ba le kwa tlase ka dingwaga.

Mongwe wa batsadi ba ba neng ba tseneletse phuthego eo, Bishop Bokaedi Reetsang a re o itumela fa go buiwa dikgang tsa tlhokomelo ya bana ka gore ke dikgang tse di tshwanetseng go tsewa ka tlhwaafalo.

A re fa ngwana a sa godisiwa sentle ga a na bokamoso.

Rre Reetsang a re go neela ngwana madi fa o sena go mo otlhaela se a sa se dirang sentle ga se gone, a re yo o nang le maikarabelo o tla tshwanelwa ke go baya ngwana fa fatshe a mmontsha diphoso tsa gagwe tsotlhe gore ngwana yoo a tsoge e le sengwe mo setshabeng.

Morutabana wa sekole sa Motetshwane Mme Pontsho Keraetswe a re puisanyo e e tlaa ba tswela mosola ka gore batsadi ba tlaa kgona go tsaya boikarabelo jwa bana.

A re fa ngwana a itumetse o ntsha maduo a mantle mme seo se ise sekole sa bone kwa godimo. ENDS

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : Puisano le batsadi kwa sekoleng se sebotlana sa Motetshwane

Date : 12 Aug 2018