Breaking News

Boatlaname o lebogela motlakase

12 Aug 2018

Banni ba Boatlaname kwa kgaolong ya Kweneng ba lebogetse puso ka kgokelo ya motlakase mo motseng wa bone ka ba re bane ba na le lebaka ba ntse ba o kopile.

Fa a buisanya le BOPA mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kebaitse Kelatlhegile o kaile fa dingwe tse ba saleng ba lela ka tsone jaaka motlakase ba arabilwe mogo tsone, ka jalo le bone ba tlaa akola ditlamelo tsa motlakase jaaka Batswana ba bangwe.

E ne ya re a ama tsa lenaneo la madi a ditlhabololo a dikgaolo, Rre Kelatlhegile a tlhalosa fa ngogola  ba ne ba filwe ntlo ya boroko ya dikamore tse pedi, a supa fa le mo ngwageng ono ba filwe ntlo ya boroko ya kamore tse pedi ga mmogo le go gokela matlo a komiti motlakase.

O ne a tlhalosa fa ba boipelego ba setse ba agile matlo a batlhoki a le marataro mo motseng.

A re ba lebogela dithuso tseo thata mme ba kopa go okelediwa ka go santse go na le batho ba le bantsi ba ba tlhokang bonno mo motseng wa bone.

O ne a supa fa ba santse ba tlhaelelwa ke dipalo tsa lenaneo la Ipelegeng.

O boletse fa ba fiwa palo ya go hira batho ba le masome a mane le botlhano, e mo go yone ba fang motsana wa Motlabaki go hira batho ba le lesome le bongwe.

Rre Kelatlhegile o ne a supa fa ba santse ba lebile tse ba di solofeditsweng jaaka go atolosiwa ga kokelwana ka dipalo tsa morafe di setse di oketsegile.

O ne a supa gore gangwe le gape fa ngaka a tsile go lekola banni go tswa kwa kokelong ya Sojwe batho ba tsena maphakela mme ba tswe bosigo selo se a kaileng se le diphatsa mo matshelong a bone.

A re mooki o mongwe fela mo kokelong ka jalo dinako dingwe tiro e nna bokete.

O kopile gore ba thusiwe ka mokenti mo kgaolong ka oo neng a ntse a le teng a ne a fudusediwa go sele ka tiro.

O kaile fa kgaolo ya bone e ikaegile ka temo-thuo ka jalo go le botlhokwa gore ba nne le modiredi yo e leng moitseanape wa temo le leruo.

E ne ya re a tswa la gagwe Kgosi Rudolf Mojalemotho wa Boatlaname a re ba solofetse go agelwa ofisi ya sepodisi, mme a tlatsa ka gore go botlhokwa gore e re ditlhabololo di dirwa lebaka le di simololwang ka lone lele di tla wediwang ka lone le obamelwe.

Kgosi Mojalemotho o ne gape a gatelela botlhokwa jwa gore go nne le therisanyo le puisanyo mo go tshwaraganeleng ditlhabololo ga morafe le maphata a a farologaneng a puso.

O kaile fa pinagare ya ditlhabololo o ikaegile mo therisanyong le tirisanyo ya botlhe ba ba amegang mo go tlhabololeng matshelo a batho. ENDS

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : BOATLANAME

Event : Potsolotso

Date : 12 Aug 2018