Breaking News

Molamu o iphataphatela ka go roka

12 Aug 2018

Tiro ya diatla e tshwana le go roka ke nngwe ya tse di ka tshetsang bontsi jwa Batswana.

Mme Hana Molamu wa kgotla ya Maribana kwa Sojwe, ke mongwe wa ba ba itshetsang ka kgwebo ya go nna jalo morago ga go bula kgwebo ya go roka ya Millenium Clothing e e nang le dingwaga tse lesome le boferabobedi e ntse e dira.

Mme Molamu o tlhalositse fa e ne ya re ka 1998 a ya go ithutela tiro ya go roka a itebagantse le go sega le go roka paka ya bana ba sekolo, lefa letlhoko la madi le ile la kgaosetsa dithuto tsa gagwe.

O ne a supa fa e ne ya re ka 1999 a atlega a thusiwa ka lenaneo la FAP, mme a reka motshine o o rokang mme seo sa thusa kgwebo ya gagwe go itshetela le go netefatsa toro ya gagwe ya go nna moroki yo duleng diatla.

Mme Molamu o supile fa bontsi jwa dilwana tse a di rokang e  le paka ya dikole mme a re khansele ya Kweneng ke yone e ba etleetsang thata ka go rekela bana ba metse e e kgakala le ditlamelo ga mmogo le ba masiela mo go bone.

O ne a a tlhalosa fa a na le bokgoni jwa go sega mesese ya mateisi le dikhethene tsa matlo mme a di rekise kwa metseng e tshwana bo Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi kwa a tlholegang teng.

Le fa go ntse jalo Mme Molamu o supile fa kgwebo ya gagwe le tse dingwe tse dipotlana di babalelwa ke go reka didirisiwa tsa go roka di tshwana le matsela kgakala jaaka kwa Gaborone le Molepolole.

A re gape go ntsifala ga baroki ba ba itebagantseng thata le go dira paka ya bana ba sekole mo Sojwe go dira theko boutsana.

O kaile fa a kgonne go aga lefelo la kgwebo e le ofisi ya dikamore tse pedi a bo a e gokela motlakase le go tsenya metsi mo setsheng sa kgwebo ga mmogo le go oketsa le metshine e a rokang ka yone a supa fa ele phitlhelelo e a saleng a e lora.

Mme Molamu a re kgwebo e tlhokana le bopelo telele, a kaya fa banana ba tlotlile go batla madi aa tsenang ka pela le go tshela botshelo jo bo magasigasi mo nakong e khutshwane.

O ne a tlhalosa fa kgwebo e tlhoka boitshoko ka a ne a kgona go nna dikgwedi di feta pedi go sena bareki, mme a seke a itlhoboge.

O ne a supa fa go atlega mo kgwebong go akaretsa go dira dithoto tse di nang le boleng. ENDS

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : SOJWE

Event : Potsolotso

Date : 12 Aug 2018