Breaking News

Bogodu le tshenyo kwa mabitleng di a tshwenya

12 Aug 2018

Mothusa kgosi wa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe a re o tshwenngwa ke tshenyo le bogodu tse di dirwang kwa mabitleng a Botalaote.

Kgosi Tshipe a re ditiro tse di dirwang tsa botlhoka tsebe di senya tebego ya mabitla.

O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ngogola terata e e ageletseng mabitla e ne ya tlhabololwa mme mo nakong eno e setse e onetse ka e kgaolwa ke bangwe ba ba inaakantseng le go dira ditiro tse di duleng mo tseleng.

A re seemo seo se dira gore leruo le bake tshenyo mo mabitleng.

O ne a supa gore diheke tse di neng di tsentswe go laola motsamao kwa mabitleng di heletse di utswilwe ka gore bangwe ba tsamaya ka dinao le ka dikoloi ba setse ba itlwaeditse go dirisa tsela e ralalang mabitla ao

O supile gape fa go na le bangwe ba ba sa tlhokomeleng mabitla a masika a bone mme seo se felele se senya tebego ya mabitla.

Kgosi Tshipe o ne a kopa banni ba Mahalapye go tlhokomela leruo go itsa go baka tshenyo mo mabitleng le kwa mafelong a mangwe a setshaba.

A re bogologolo mabitla a ne a tlotlwa a sa ralalwe motlhofo jaaka go diragala mo malatsing ano.

O tlhalositse fa go tlhokomela mabitla go supa tlotlo le lorato mo go ba ba tlhokafetseng.

A re seo ke sekao sa tshaba e e nang le maikarabelo.

Kgosi Tshipe a re bogosi bo leka ka bojotlhe go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go somarela mabitla mo di phuthegong tsa kgotla mme ga gona phetogo epe ka gore tshenyo ya ko mabitleng e golela pele.

Kgosi Tshipe o supile gore molao o teng, ka jalo a tlhagisa ba ba dirang tshenyo kwa mabitleng gore ba emise go dira jalo ka gore motsing ba tshwarwang go tlaa dubega.

O kopa puso go akanyetsa go thapa ba ba ka tlhokomelang mabitla go fokotsa tshenyo le bogodu. ENDS

Source : BOPA

Author : Mompati Pilatwe

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 12 Aug 2018