Breaking News

iBRANCH e tlhofofatsa go batla tiro

12 Aug 2018

Mookamedi wa khamphani ya iBRANCH Rre Tshepiso Leinane o kopile banana go ikemela ka dinao go batla ditiro ka e se botlhe ba ba ka thapiwang ke puso.

O buile jaana kwa thuto-puisanyong e ba neng ba e rulaganyeditse banana kwa Serowe bosheng.

Rre Leinane a re moono mogolo wa khamphani ya bone ke go batlisa banana ditiro go sa kgathalesege gore ke kwa ntlheng e fe ya lefatshe.

O bile a supa gore maranyane a bone ga a tsenye sengwe le sengwe jaaka a boFacebook, mme go tsenngwa dikgang tsa ditiro fela.

Moeteledipele yo, a re khamphani ya bone e setse e batletse Batswana ba feta lekgolo ditiro.

O ne a supa gore khamphani e, e a supileng e le ya ntlha mono, e kwadisitswe sentle le ba lekalana la CIPA.

A re iBRANCH e simolotse go dira mono Hirikgong, a tlhalosa fa e fitlhelwa mo mafatsheng a mangwe jaaka kwa Indonesia, Canada, Nigeria, Kenya, Syria, South Africa le Ghana.

Rre Leinane o ne a a rotloetsa batho ba ba neng ba tsenye puisanyo eo go ikemela ka dinao le go ikwadisa mo maranyaneng a iBRANCH gore ba tle ba kgone go ipatlela ditiro tse di kwa ntle le mo gae.

Mongwe wa batho ba ba neng ba tseneletse puisano eo Rre Kabelo Modise o ne a botsa ba khamphani eo gore ba netefaletsa Batswana go le kae gore ditiro tse di tlaa bong di ntshitswe mo maranyaneng a bone ke dilo tsa nnete.

E rile a araba, Rre Leinane a re mo maranyaneng a bone ba netefatsa gore ga go ope yo o ka bapatsang sepe mo maranyaneng a bone a sa ikwadisa le bone e bile ba sa mo rurifatsa. END

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : thuto-puisanyong

Date : 12 Aug 2018