Dipolao di tlhoka go tsibogelwa
12 Aug 2018
Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re go golela pele ga dipalo tsa bomme ba ba bolawang ke borre ke kgwetlho e e tlhokang go tsibogelwa ka mashetla.
Mme Tshireletso a re dikgang tseo di diga serodumo sa lefatshe le mowa wa kagisano le botho e tshaba ya Botswana e itsegeng ka yone lefatshe ka bophara.
O buile jalo ka Labobedi a buisa bokopano jwa komiti ya batsadi le barutabana le baeteledipele ba dikomiti tse dingwe le bodirela puso kwa sekoleng se sebotlana sa Xhosa mo Mahalapye.
A re go ngomola pelo go bona bomme ba tsweletse ba bolawa ka methale e e makatsang mo mongwe bosheng go feletsweng a bolokwa mmele wa gagwe o se mmogo.
O supile fa seemo se e le kgwetlho e e tlhokang popagano le thapelo gore Modimo a kgone go fetola mewa aee sa siamang ee apereng tshaba ya Botswana.
Mme Tshireletso o gwetlhile banna go itse methale e e molemo ya go rarabolola dikgotlhang go na le go gagautlhana ga mmogo le go keteka basadi fa pele ga bana.
A re go dira jalo go ruta bana mekgwa e e maswe.
A re bana ba basimane ba tshwanetse ba rutwa mo go tseneletseng gore ba gole ba nonofile, ba itse go emela dikgwetlho mme ba kgone go amogela fa ngwana wa mosetsana a re lorato le fedile, a tlhalosa fa lorato ele selo se se kgonang go tswapoga mme le fele ka jalo ngwana wa mosimane o tshwanetse a ikemisetse go amogela seemo se.
Mme Tshireletso a re go botlhokwa gore ngwana wa mosimane a lemoge gore phelelo ya lorato ga se bokhutlo jwa lefatshe, ka jalo ba tshwanetse go amogela seemo.
O ne a supa gore le fa lenyalo e le thulaganyo ya Modimo e bile e le selo se se monate, o tshwenngwa ke gore basadi bangwe ba tsweletse ka go kgokgontshiwa ke banna ba bone.
A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore bomme ba ba mo manyalong a a tletseng kgokgontsho ba na le go itshoka ba re ba swela dikano. Mme Tshireletso o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa bomme ba ba mo manyalong a a bosula a a tletseng kgokgontsho mme ba itshokile ba re ba swela dikano.
A re mokgwa oo o tshwanetse wa ema ka e le one o o bakang dipolaano.
A re nako e tsile ya gore bomme ba kgwe mathe dilo tse di maswe tse di ba diragalelang mme ba bue ka lentswe le le lengwe go emisa masula a a apereng lefatshe la Botswana.
Mo go tse dingwe mothusa tona o gwetlhile dikomiti tsa motse go dirisana le go itsane matshwenyego ga mmogo le go thusana ka megopolo e e ka thusang go ntsha maduo go tlhabolola le go godisa motse.
Mme Tshireletso o gwetlhile dikomiti go rerisa morafe pele ga di tsaya ditshwetso. A re komiti ya ditlhabololo ya motse ke yone goromente wa motse ka jalo go mo maruding a yone go itse batho ba motse. END
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : bokopano jwa komiti
Date : 12 Aug 2018



