Bomme ba Ikageleng ba tsosolosa ngwao
10 Aug 2018
Bagolo ba kgotla ya Ikageleng kwa Selebi Phikwe ba supile fa ba na le keletso ya go tsosolosa ngwao kwa kgaolong ya bone.
Se se builwe ke Kgosi Oitshupile Oatile wa Ikageleng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi.
Kgosi Oatile o supile fa bomme le borre ba supa fa ba na le maikaelelelo a go bona kgotla ya Ikageleng e le mo seemong se se kgatlhisang, ka ba na le keletso ya go kokoanya madi go reka ditilo tsa dikgole tse di tlaa bong di dirisiwa mo diphuthegong tsa kgotla.
Kgosi o supile gape fa ba ikaelela go ruta bana ngwao le ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng jaaka kapari ya Setswana fa ba ya kwa kgotleng.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Molefhi a re go a itumedisa go bona bagolo ba lemoga fa ngwao ya Setswana e nyelela mme ba tshwanelwa ke go ema ka dinao go e tsosolosa.
Rre Molefhi a re o setse a kopane le bagolo ba bangwe kwa kgotleng ya Botshabelo ba ntse ba le mo maikaelelong a go tsosolosa le go ruta bana ngwao.
A re o tlaa ba ema nokeng a thusana le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go batla lefelo le ba ka nnang ba kopanela kwa go lone mme go na le yo o ka nnang a ba sidila maikutlo le go itshidila mmele tota.
O solofeditse fa a tlaa ba direla bukana ya molao-motheo o o tlaa tlhomamisang gore dipoelo tse ba di bonang ga di sologele batho bangwe molemo ba le nosi, ka se se le mo molaong gore makgotla otlhe a kwadisiwe go itsa borukhutlhi.
Rre Molefhi o kgothaditse morafe go dirisa madi a ditlhabololo a dikgaolo go tlhabolola matshelo a bone jaaka go aga ditsela, go tsenya dipone mo mekgwatheng le kago ya mesele ya kgopho ya metsi a a leswe go itsa kgotlelesego ya tikologo ka se se ka dira gore bagwebi ba nne le kgatlhego ya go gweba mo toropong ya bone.
Ratoropo ya Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o lebogile Rre Molefhi go nna a ba tlhola le go ba lekodisa ka tse ba di buileng kwa Palamenteng, a supa fa seo e le morero o setshaba se o tlhokang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Aug 2018



