Breaking News

Mokhanselara o rotloeditse banni go tlhama dikoporase

10 Aug 2018

Mokhanselara wa Molapowabojang Botlhaba Rre Calvin Matlale o rotloeditse banni ba Molapowabojang go ikopanya go tlhama dikoporase go fetola matshelo a bone.

Fa a buwa kwa phuthegong ya kgotla bosheng, a re go dira jalo go tla ba thusa go tlhabolola motse, a kaya fa megopolo e, e ka tsholetsa le go fa motse seriti le go tswelwa pelo ke metse e mengwe.

Mokhanselara Matlale o tlhalositse fa se, se ka kgonagala fela fa banni ba ka tshwaragana.

O ne a fa sekai se makhanselara a khansele potlana ya Kanye ba se bonyeeng ba etletse motse wa Satau kwa Chobe kwa ba neng ba ile go tsaya malebela teng, a tshwaragano ya banni mo go itlhabololeng a supa fa batlhoki koo ba le masome a matlhano ba ikopantse go tlhama koporasi.

O boletse fa batlhoki ba ne ba kopa madi ka thuso ya ga mmaboipelego gore ba kgone go simolola koporasi ba dirisa ditalente tsa bone go loga, go aga, go betla gareng ga tse dingwe.

Mokhanselara o kaile fa dilwana kana dithoto di dirwa kwa malwapeng, mme ere morago ba di ise kwa koporaseng gore di ye go rekisiwa mme mo mading a ba dirileng, ba ntsha masome a mabedi mo lekgolong a isiwa kwa letloleng fa a setseng o ne a neelwa maloko go ithusa ka go reka dijo le tse ba di tlhokang.

Ka jalo,o ne a rotloetsa banni go kopa se se dirwang kwa Chobe gore le bone ba kgone go  tlhabolola motse le matshelo a bone a supa ga se se ka kgonagala fela ka go tshwaragana.  

Mo go tse dingwe mokhanselara o boletse fa go tshwenya gobo banni ba sa tsene diphutlhego tsa kgotla a supa fa ditlhabololo di ka se nne fa banni ba sa kopane le boeteledipele go rerisana ka matshwenyego le megopolo e ba nang nayo.

O tlhalositse fa ba tshwanetse go mmitsa go rerisana nae ka ele bone ba mo rumileng gore a ye go ba buelela gore ditlhabololo di nne teng.

Mo dikakgelong banni ba ne kopa gore go akanngwe go aga madirelo a dirang ditshipi tse di itebagantseng le tsa temo thuo, go rekisa motlhaba, go rekisa dinawa le dikoko e le dingwe tse ba ka tlhabololang motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : MOLAPOWABOJANG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Aug 2018