Lwantshang dikgwetlho tse di kgoreletsang temo
10 Aug 2018
Le fa balemi ba kgaolo ya Mahalapye ba akgoletswe go nna boineelo mo maitekong a go ntsha dijo, Kgosi Maele Maele wa Goo-Tau a re o tshwenngwa ke gore ga ba dire go lekanye go tlhabolola temo ya bone go bona dipoelo tse di kwa godimo.
O buile jalo ka Laboraro kwa ditshupong tsa balemi kwa Shoshong, a re go botlhokwa gore ba ipope mme ba kwadise makgotlana aa ka ba thusang go amogana dikitso le go bua ba le seopo sengwe ka tse ba eletsang di dirwa go tlhabolola temo. Kgosi Maele a re go botlhokwa go tsaa malebela mo baleming ba ba gatetseng pele.
“Le fa e na le dikgwetlho, temo e na le dipoelo.” Kgosi Maele a re balemi ba babotlana ba tlhoka go bereka e le ditlhopha, gore ba kgone go reka didirisiwa tsa temo ka di lopa madi aa kwa godimo le gone gore puso e kgone go utlwa lentswe la bone ka jalo ba kgone akanyetswa.
O supile fa a tshwenngwa ke go bona puso e tsweletse ka go reka thobo e e tswang kwa mafatsheng a a mabapi, ka jalo a kgothatsa balemi go itsolopanya gore ba kgone go jesa Batswana.
“Ke molemi yo mmotlana jaaka lona, ka jalo ke tlhaloganya sentle dikgwetlho tse di le amang,” ga tlhalosa Kgosi Maele.
Ke a itse gore temo e a tura, ka jalo ke kopa gore le sale morago dikgakololo tsa balemisi gore le kgone go bona maduo, ga tlhalosa Rre Maele.
Kgosi Maele a re sengwe se balemi ba tshwanetseng ba se tsaya ka tlhoafalo ke go emisa go lema ba gasa peo ka thobo ya teng e le kwa tlase. A re go tlhoka go dirisa methale ya temo ya mo nakong eno, go tlhoka go sala morago ditaelo tsa balemisi le go tlhoka go dira ba ipopile ditlhopha go dira gore boineelo jwa bone mo temong bo fetoge lefela.
“Temo e turu, ka jalo ga o kake wa ntsha maduo a a bonalang o tlhaelelwa ke didirisiwa le jone boitseanape jwa go tlhabolola temo.
A re ipopeng re kgone go lwantsha dikgwetlho le boturu jwa didirisiwa tsa temo.”
A re eleng tlhoko dikgakololo tsa baitseanape ba temo, metlha ga se ya maloba, a re se lemeleng fela go jesa malwapa a rona, dirang dipoelo ka go rekisetsa ba bangwe, ga tlhalosa Kgosi Maele.
O ne a supa gore sengwe sa dilo tse di busetsang balemi kwa morago ke mhero.
O supile gore tiriso ya ditshefi e botlhokwa go lwantsha mhero.
Kgosi Maele a re nngwe ya dikgwetlho ke gore thobo e rekwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Mogolwane wa balemisi mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Alexander Letebele o gateletse botlhokwa jwa gore balemi ba ipope go nna mekgatlho.
Rre Letebele a re maikaelelo a gore balemi ba kopane, ke gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekanyeng go fepa Batswana.
A re ga se puso fela e e ka thusang ka madi gore ba kgone go reka didirisiwa tsa temo, a supa gore makgotla a ikemetseng ka nosi le one a kgona go thusa.
A re moroto wa o esi ga o ele e bile letsema le thata ka mong wa lone, ka jalo balemi ba eme ka dinao go godisa tiro ya bone.
Mo mafokong a kamogelo baeng, Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o gakolotse balemi go amogana thuto e ba nang le yone ya temo-thuo le bana ba bone, ka maikaelelo a go nosetsa le go godisa mowa wa go itirela dijo. “Ke le kgothatsa go tswelela ka temo le fa diemo tsa loapi e le tse re sa di tlwaelang, ga bua Kgosi Mosinyi.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosinyi o akgotse balemi ba ba kgonang go itepatepanya le dikgwetlho a re ba tswelele ka boineelo jwa bone le go kgothatsa ba ba saletseng kwa morago.
Le fa go na le dikgwetlho tsa go fetoga ga loapi tse di sa laolweng ke ope, Kgosi Mosinyi a re balemi ba tshwenngwa gape ke leruo le le sa tlhokomelesegeng le diphologolo tsa naga.
“Ke le rotloetsa gore le seka la ipona tsapa, nnang moko o thata le seka la ineela.”
Kgosi Mosinyi a re boeteledipele bo tlaa tswelela bo ema nokeng balemi go lwantsha dingwe tsa dikgwetlho tse, ka jalo a re ba seka ba dirisa dikgoreletsi tse e le seipato sa go phuaganya masimo a bone.
Kgosi Mosinyi o gakolotse balemi go dirisa mananeo a puso go tlhabolola masimo gore ba kgone go sireletsa dijwalo le go fokotsa dikgwetlho tse di ba kgoreletsang go ntsha thobo ee kwa godimo.
Modulasetilo wa komiti ya balemi ya Shoshong botlhaba, Mme Margaret Jabane a re ditshupo tseo di ne di rulagantswe ka setlhogo se se reng, Boremo jwa Mogoma ga bo Tlhobogwe.”
Mme Jabane a re ba nnile le dikgwetlho tsa seemo sa loapi sa mogote o o kwa godimo, go diega ga pula le diji. “Le fa go ntse jalo re ne ra seka ra ineela go fitlhelela re goroga fa re leng teng gompieno.”
Mme Jabane a re, ‘sa mosima se jewa ke yo o thata,’ ka jalo ba ba boineelo e bile ba le tlhaga ke bone ba ba tlaa felelang ba robile sengwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : SHOSHONG
Event : Ditshupo tsa balemi kwa Shoshong
Date : 10 Aug 2018



