Morafe wa Mhalapitsa o tlhoka ditlamelo
10 Aug 2018
Banni ba Mhalapitsa mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba kopile lephata la botsogo go thusa kokelwana ya bone ka koloi ya thuso ya potlako.
Ba buile jaana kwa pitsong ya botsogo e e neng e rulagantswe ke ba lephata la botsogo, boeteledipele jwa motse le komiti ya botsogo ya Mhalapitsa.
Banni ba supile fa go tlhoka Ambulance go ba baya ka fa mosing, ka gore ga ba akole ditirelo tsa botsogo ka nako ya fa ba batla thuso ya potlako.
Banni ba motse oo, ba kaile fa metse e mabapi e le meraro e bong Pilikwe, Maape le Mhalapitsa ba thusiwa ka Ambulance e le nngwe mme ba supa fa koloi eo e sa ba lekana.
Ba tlhalositse gore go tlhoka Ambulance mo kokelwaneng ya bone go ba kokonela ka go bo koloi e dirisiwa ke metse yotlhe, ka jalo e tsaya lobaka go thusa ka nako ya pitlagano.
Mo boikuelong jwa bone, banni ba motse oo ba ne ba kopa mogolwane wa kokelwana ya Pilikwe, Mme Moleti Dube go tsaya kgang ya bone mofago mme ba kopa gore a ba rulaganyetse bokopano le tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, ba supa fa ba tswa kgakala ba lela ka kgang ya Ambulance.
Ba Mhalapitsa ba ne gape ba kopa gore go nne le ngaka kwa kokelwana ya Pilikwe e e tlaa itebaganyang le metse ya bone e meraro.
Ba bile ba kopa gore kokelwana eo e godisiwe e le nngwe tsela ya go fokotsa sekgala se ba se tsayang go latela dingaka kwa Sefhare.
Mme Oganne Lucas, mongwe wa banni ba Mhalapitsa o ne a kopa gore dikokelo tse ditona di nne le dingaka tse di faphegileng, a supa fa go tsaya nako e telele gore molwetse a bone ngaka e e faphegileng mme e bile molwetse a tshwanelwa ke go bona ngaka eo kwa dikokelong tse di kgakala.
Fa a mo kgwa dikgaba, Mme Dube o ne a supa fa lephata la botsogo le na le tlhaelo e e kwa godimo ya dingaka tse di faphegileng,
A re dingaka tse di leng teng di thusa balwetse go ralala lefatshe leno mme seo se dire gore go tsee nako gore molwetse a le mongwe a kopane le ngaka e e faphegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : MHALAPITSA
Event : Pitso ya botsogo
Date : 10 Aug 2018



