Godisang Sowa - Morupisi
09 Aug 2018
Mokwaledi wa ga Tautona gape e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matona a puso, Rre Carter Morupisi o kopile badirelapuso ba toropo ya Sowa go tla ka methale e e tlaa ngokang babeeletsi le go tsosolosa toropo eo.
Rre Morupisi o boleletse badirelapuso kwa Sowa ka Labobedi gore, gore toropo eo e tlhabologe, ke fa badirela puso ba tshwaragana le puso go thusa dikompone go bula dikgwebo koo.
O ne a ba neela dibeke tse pedi gore mo go tsone ba bo ba dirile moalo le megopolo ya go ngoka babeeletsi mo toropong eo.
A re Sowa o na le meamuso e tshwana le ya Makgadikgadi Epic, e ka yone ba ka e dirisang go tlhabolola toropo.
O ne a kopa badirelapuso go nna le boikarabelo mo ditirong, go nna motlotlo le go fefosa go thusa batho ka mowa o montle le Botho.
Gape o ne a ba kopa go tlogelela mapolotiki polotiki, a re bone tiro ya bone ke go diragatsa mananeo a puso le go bona gore batho ba bona mananeo ka tshwanelo.
O ne a kopa badirela puso go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba.
A re seo se diga itsholelo ya lefatshe.
Kgosi Bond Mabalane wa Sowa ene o ne a lebogela mokwaledi wa ga Tautona tiro e ntle e a e dirang ya go tsamaya a lekola badirela puso.
A re ke selo se se botlhokwa se se tlaa tiisang badiri.
Kgosi Mabalane a re puso e na le tsamaiso e e siameng ya mananeo, mme selabe se tla le mo-tsaya kgamelo, a kaya fa puso e latlhegelwa ke diketekete ka dikgang tsa badirelapuso.
Gape o ne a kopa puso go otlhaya baeteledipele ba go supagalang fa ba nnile le boitseme mo tirong ka go ikgatholosa tiro.
Badirelapuso ba Sowa ba kopile puso go sekaseka gape toropo eo mabapi le lenaneo la Remote Area Services Allowance.
Rre Onosi Dilo a re go bo Sowa a tlhomilwe toropo ke phoso, ka ba mo sekakeng e bile ba kgakala le ditlamelo, mme le madirelo a a teng a a tura.
Rre Dilo o ne a kopa puso go sekaseka gape lefelo leo go bona gore a ga le a lebaganwa ke go amogedisa babereki bonnye jwa go berekela kgakala le ditlamelo.
Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Morupisi o ne a re bontsi jwa matshwenyego a badirelapuso ke dikgwetlho tse ba ka kgonang go di rarabolola ka bobone.
O ne a ba kopa go tshwaragana le go dirisana mmogo le baeteledipele ba maphata le badiri ka bone.
O tlhalositse fa puso e santse e sekaseka kgang ya bone ya RASA. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : SOWA
Event : Phuthego
Date : 09 Aug 2018



