Breaking News

Badirelapuso ba rotloediwa go dira ka manontlhotlho

09 Aug 2018

Mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi o rotloeditse badirelapuso ba kgaolo ya Boteti go bereka ka manotlhotlho le go ikgantsha ka tiro ya bone.


Rre Morupisi yo a neng a buisa badirelapuso ka Labobedi kwa Letlhakane, o ba rotloeditse go emela matshelo a bone ka dinao ka go ikoketsa dithuto.


A re ba dire tiro e ba e hiretsweng ka botswapelo, ba sa tshabe sepe, a tlhalosa fa tiro ya bone e le go thusa setshaba ka botho mo tirong le kwa ntle.


O ne gape a re ba tshwanetse ba godisa bana ba ba ruta gore ba tshwanetse ba itirela le gore motho fa a dira se a se itseng a se dire ka manontlhotlho.


Rre Morupisi a re Batswana ba gololesegile go bereka kwa mafatsheng a mangwe e bo e re fa ba boela mo gae ba bo ba ka hirwa gape.


Loeto lwa gagwe a re ke go rolela badirelapuso maitlamo a ga Tautona Mokgweetsi Masisi a a akaretsang go tlhama ditiro, selo se a reng se ka kgonega ka thuso ya badirelapuso ba dira gore go nne bonolo gore bagwebi ba dire dikgwebo mo Boteti.


A re dikhamphani ke tsone di ka tlhamang ditiro mme di tshwanetse tsa thusiwa ka bonako fa di na le keletso ya go dira kgwebo mo kgaolong.


O rotloeditse ba kabo ditsha le ba-na-le seabe ka kakaretso go dira ka bofefo go ba thusa.


Rre Morupisi a re Boteti o na le meepo mme dikgwebo di kwa tlase.


A re go lwantshiwe kgolo ya kgaolo ka go dira gore go nne bonolo gore bagwebi ba kgone go dira dikgwebo.


A re fa badirelapuso ba santse ba palelwa ke go thusa setshaba ka botho le lorato bangwe e bile e le bagolo, go tlaa nna thata gore ba thuse batswakwa ba e leng bone ba ba ka tsisang dikgwebo mo kgaolong.


A re go diriwe diphuthego tse ka tsone go ka okwang bagwebi go ba bontsha moepo le dilo tsa bojanala tse di kwa Orapa.


Mo go tse dingwe, Rre Morupisi o tlhaloseditse badirelapuso gore ba letlelelwa go nna le dikarata tsa boloko jwa diphathi tsa sepolotiki mme ga ba letlelelwe go tlhopha mo ditlhophong tsa matlhagola tsela kana go tshwela mo pepeneneng ka phathi e motho a e setseng morago.


Rre Morupisi a re buka ya melawana ya pereko e bua gore banyalani fa go kgonegang teng, ba katologanngwe sekgala se se bonolo, ke ka moo puso e reng banyalani ba ba sa nneng mmogo ba ikopele ka mokwalo, go nna le banna kana basadi ba bone.


A re go tlaa sekasekwa mabaka mme ba thusiwe ka fa go kgonegang ka teng.


A re tshekatsheko ya dikopo tse, ke gore e bo e wetse ka Ngwanatsele.


O tlhalositse gape gore maikaelelo a puso ke gore kgwedi e e tlang Bargaining Council e simolole go bereka. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego

Date : 09 Aug 2018