Breaking News

Ntshotlo o motlotlo ka Youth Development Fund

09 Aug 2018

 E rile go bona letlhoko la ditiro le ile magoletsa, e bile a sa thapiwe gope morago ga go fetsa sekole sa temo-thuo, Rre Bokamoso Ntshotlo o ne a seka a itlhoboga.


Rre Ntshotlo, yo o dingwaga tse di masome mararo, o ne a inaakanya le tsa bokapi jwa ditshwantsho le tsa motshikinyego bogolo jang a itebagantse le tsa manyalo go oba letsogo, mme a dira tiro eo ka manontlhotlho le ntswa a ne a sa ithutela tiro eo.


E rile a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, Rre Ntshotlo o ne a supa boitumelo a bolela fa mo bosheng, lephata la tlhabololo banana ka lenaneo la Youth Development Fund ba mo abetse dikete tse di lekgolo tsa dipula, go katolosa kgwebo ya gagwe.


A re o kgonne go reka kolotsana ya dipitse le dipitse di le nne ka madi ao, ka jalo o tlaa kgona go itshetsa ka gore se a ntseng a se fa bareki ba gagwe se tlaa ba kgatlhisa le go feta.


A re kolotsana ya dipitse e tswa goo lowe, kwa ga Mmamosadinyana, ka e dirisiwa gantsi ke bahumi go tsaya batho kana dithoto.


O supile fa mo nakong eno, dikoloi tsa go nna jalo di dirisiwa thata go tsamaisa bajanala go dikologa mafelo a ditso le mo meletlong ya maemo a magolo.


A re ka jalo, se se ne sa mo gwetlha go ka atametsa kolotsana ya mofuta oo mo gae, ka di tseelwa kwa godimo ka di na le ditso tse di nonneng.


Rre Ntshotlo o supile fa bagwebi ba dikolotsana tse di gogwang ke dipitse ba se bantsi mo Botswana, ka jalo se se mo fa sebaka sa go isa ditirelo tsa gagwe motlhofo ko setshabeng.


O supile fa Batswana ba amogetse kgwebo ya gagwe ka atla tsoo pedi, e bile ba supa fa ba mo rotloetsa mo go feletseng.


A re gompieno o setse a bone dikopo tse di nametsang pelo go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Botswana.


A re o kgonne go reka dipitse di le nne fela mme o na le keletso ya go di oketsa mo bogaufing.


Rre Ntshotlo a re mo nakong e e tlang o tlaa reka dikolotsana tse dingwe go atolosa kgwebo, mme gape o tla oketsa badiri go thusa banana ba bangwe go itshetsa. Maikaelelo a lekau le ke go atolosetsa ditirelo tsa gagwe kwa mafelong otlhe a Botswana.


A re mo nakong eno, o adima batho kolotsana ya gagwe fela mme o tlaa oketsa ka go adimisa le dipitse tse di palangwang go ntse go tsweletse.


O supile gore le fa a itumeletse thuso e a e filweng ke ba lephata la banana, go ne go se motlhofo ka go mo tsere dikgwedi gore a lomaganye tsotlhe tse di neng di tlhokafala.


A re gantsi banana ba fela pelo fa ba busediwa go ya go baakanya dingwe mo dipampiring tsa ikopelo madi, mme a re se ga se selo sese siameng ka gore o felela o itlhoboga fa oneng oka bona thuso teng.


O tlhalositse fa a ne a itshoka go fitlhelela a atlega, mme gompieno a nna ka monyenyo ka ntata ya bopelotelele le boitshoko. BOPA

Source : BOPA

Author : Oratile Mothibedi

Location : MAUN

Event : potsolotso

Date : 09 Aug 2018