Banni ba maoto a tshupa go akola ditirelo
08 Aug 2018
Mo maitekong a puso a go tlhomamisa gore ga go na ngwana yo o tsholwang a na le mogare wa HIV le go thibela dintsho tse di bakwang ke AIDS, bogogi jwa lephata la botsogo la Kgalagadi South DHMT ba ne ba kopanela tirelo ya thuto-puisanyo le batho ba metse ya Middlepits le e e mabapi.
Maikaelelo a bokopano jo e ene e le go tla go buisana ka mananeo a a itebagantseng le HIV/AIDS a akaretsang lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng lo lo iseng lo tsholwe (PMTCT), loaro lo lo ba balesegileng la borre (SMC), botlhokwa jwa go itlhatlhobela mogare ga bakapelo ba le mmogo (Couple Test Counseling) le a mangwe ka Matlhatso kwa Middlepits.
E rile fa a amogela baeng le batsena moletlo, Kgosi wa Middlepits Rre Moseki Kgaudi o supile ngongorego ka go nna maoto a tshupa ga borre go itlhatlhobela HIV le go itekodisa ba botsogo, a supa fa se se le borai thata. Kgosi Kgaudi o ne a amogela le go lebogela bodiredi ba botsogo go bo ba tsile go ruta morafe wa gagwe ka botlhokwa jwa go itse seemo sa bone sa mogare le go ba ruta ka mananeo a mangwe a puso.
Kgosi Kgaodi o ne a tlatsa ka go akgolela borre ba ba neng ba tsene dithuto-puisano go bo ba tsile ka dipalo tse di nametsang go na le mo dinakong tse di fetileng. O ne a ba kopa go rotloetsa borre ba bangwe go nna le seabe se se bonalang fa go tla mo go tse di amanang le botsogo.
Fa a rolela ba-tsaya karolo maikaelelo a letsatsi le mookamela ditirelo tsa botsogo mo Middlepits Mme Ompone Maikaelelo o boletse fa moono wa lenaneo la mokgatlho o o okametseng botsogo lefatshe ka bophara (WHO) go nyeletsa HIV /AIDS bosheng, ba ne ba tla ka lenaneo la 90-90-90.” O ne a tlhalosa fa 90 wa ntlha a raya gore 90 per cent ya banni ba tshwanetse go itse seemo sa bone sa mogare wa HIV/AIDS, fa 90 wa bobedi a raya gore 90 per cent wa batho ba ba fitlhelwang ka mogare ba tshwanetse go tsengwa mo diritabatseng fa 90 wa bofelo a raya gore 90 per cent ya batho ba ba tsentsweng mo diritibatseng ba tshwanetse gore mogare wa bone o ritibatse. Mme Maikaelelo o ne a tlhalosa fa ba ne ba bolotsa letsholo la go tlhatlhobela baratani HIV morago go itemogela phetogo ya maduo a mogare wa bomme ba ba amusang ka lebele le ba ba itsholofetseng ba lebanwe ke kgwetlho ya go itlhatlhoba ba le nosi, borre ba bone ba le maoto a tshuba go tla go itlhatlhoba kana go itekodisa mo go ba botsogo.
Mme Maikaelelo o ne a supa fa ba ne ba bolotsa letsholo la go tlhatlhoba baratani mo kgaolong ya Middlepits le metse e mabapi. A re ba ne ba itemogela koketsego ya dipalo tsa borre ba ba neng ba tsenenelela letsholo le,mme ba dira dithuto se ka dipuisano ba fiwa dijo tsa motshegare e le ngwe tsela ya go ba ruta, go kgothatsa le go ba akgolela go ba tswa mokgosi go ba boloditse letsholo la go tlhatlhoba baratani ba le mmogo. Fa a tlhalosa PMTCT mooki Mme Boitumelo Chiroze o tlhalositse fa lenaneo le e le fiwa bomme ba ba itsholofetseng eb ile maikaelelo a lona e le go kganela gore mogare wa HIV/AIDS o seka wa fetela ko ngwaneng.
Borre ba kopilwe go ema bomme ba bone nokeng le go tsamaya le bone fa ba ya go itlhatlhobela mogare ka se se ka thusa fa ba fiwa bogakolodi gore ba ka tshela jang le go itlhokomela jang go lebeletswe maduo a bone, ba na le mogare, kana ba sena mogare kana mokapelo o mongwe a na le mogare.
Mme Chiroze o ne a tlhalosa fa ngwana a tlhatlhobela mogare a le beke tse thataro le kgwedi tse di le lesome le boherabobedi e le tsela ya go bona seemo sa bone morago ga pelegi.
A re mathata ke gore bana ga ba tlhatlhojwe ka bontsi fa ba setse ba na le kgwedi tse 18 mme se se tsenye matshelo a bone mo diphatseng.
A re e ntswa bangwe batsadi ba gakolotswe gore ba seka ba amusa bana ka lebele ba felela ba iphitlhela ba amusitse bana le ntswa ba fiwa mashi a ditsiri mme se se felele se tsenya matshelo a bana mo diphatseng.
O supa kgang e nngwe e le ya bana ba ba tsholwang ba sena mogare mme e re fa ba tla tlhatlhobong ya lesome le boferabobedi maduo a bone a bo a tla a supa fa ba na le mogare. O tlhalositse fa se se ka tswa se bakwa ke go kopanyetsa bana mashi a ditsiri le a lebele.
O ne a rurifatsa ka dipalo tsa 2017 tse mo go tsone bana ba le babedi ba neng ba tshwarwa ka mogare morago ga tlhatlhobo ya dikgwedi tse 18 mme ka nako ya pelegi ba ne ba sena mogare. Mme Chiroze a tlhalosa fa se se busetsa kwa morago maiteko a lenaneo le.
Ba-tsena moletlo ba ne rutintshiwa ka mananeo a akaraetsa a SMC, malwetse a tlhakanelo dikobo, tiriso ya sekausu sa bomme le sa borre, le botlhokwa jwa go itlhatlhoba ba le mmogo e le baratani. Dibui ka go farologana ka mananeo ba ne ba bua sa kgwe mathe ka go nna maoto a tshupa ga borre mo go tsa botsogo.
Banni ba ne ba rotloediwa go dirisa sekausu sa bomme ka dipalo di ne di supile fa sekausu sa bomme se sa dirisiwe gotlhelele.Mo mafokong a gagwe a kgothatso Moruti Obakeng Baumake wa Apostolic Faith Mission Botswana Assembly o ne a supa fa Baebele e tlhalosa fa lonyalo le tshwanetse go tlotlwa ke botlhe, e bile batho ba tshwanetse go tshela matshelo a kgalalelo, boitshepo ebile a eletsega. O kaile fa botsogo jwa motho bo le mo diatleng tsa gagwe e seng ba bongaka. Moruti Baumake o ne a tlhalosa fa go itse seemo sa gago sa botsogo go le botlhokwa mo botshelong, eseng jwa motho a le mongwe mme e le jwa batho botlhe ba motho a tshelang le bone ka se se thusa gore ba newe tlhokomelo kemo nokeng le lorato ka nako tsotlhe.
O ne a gakolola batsena moletlo go tsaya ditaelo tsa ba botsogo tsia le go ikgapha mo tlhakanelo dikobo e sa sireletsegang, dinotagi, diritibatsi le go goga motsoko fa ba le mo kalafing. Moruti Baumake o supile fa go se thari go fetola maitsholo, o ne a gakolola ba tsena moletlo go tshepa Modimo ka nako tsotlhe ka e le ene mmopi ebile a ka se palelwe ke fetola seemo sepe.
Fa a tswalela ditirelo tsa letsatsi Dr Kipoyi Manganji o ne a lebogela Kgosi Kgaodi go ba etlelela e le ba botsogo go tshwarela ditirelo tsa bone mo motseng wa Middlepits.
O rotloeditse setshaba go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone, a supa fa go dirisa ditlamelo tsa ba botsogo le go tshwaraganela twantsho kgatlhanong le segajaja sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS go ka thusa puso gammogo le setshaba ka kakaretso ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. BOPA
Source : BOPA
Author : Boitshwarelo Tsholofelo
Location : MIDDLEPITS
Event : thuto puisano
Date : 08 Aug 2018



