Breaking News

Kgosikgolo o rebola tiriso ya mabitla a Suping

08 Aug 2018

Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o rebotse tiriso ya mabitla a Suping kwa bokone jwa Molepolole mo phuthegong ya kgotla bosheng.  

E rile a lekodisa morafe mo phuthegong ya kgotla bosheng, Kgosi Kgari Sechele III a supa fa tshwetso e tserwe go sika setsha se sengwe kwa kgaolwaneng ya Suping go thusa go fokotsa mosuke o morafe o o itemogelang gangwe le gape ka dinako tsa dipitlho segolo jang kwa mabitleng a Ga-Ranta.

Kgosi o lekodisitse morafe fa tshwetso ya go sika setsha e gwetlhilwe ke go tswalwa ga mabitla a Masu-a-ditshwene a bontsi jwa morafe bo neng bo boloka baswi kwa go one ka jaana setsha se sengwe sa mabitla a Ratlhomelang se aperwe ke dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko. 

E ne e rile go le pele mo thulaganyong ya go dirwa ga moalo wa Molepolole ke baitsaanape ba tiriso ya lefatshe, ba sega mabitla kwa kgaolwaneng ya ga Ratlhomelang. Rre Shialala Kgosiemang o ne a simolola ka go ngongoregela gore setsha sa mabitla a Ratlhomelang ke sa gagwe mo tshekong e e gogileng sebaka sa dingwaga di feta borataro. 

Kgang eo, e ne ya atlholwa mo dingwageng tse pedi tse di fetileng go fa morafe sebaka sa go tswelela o dirisa mabitla a Ratlhomelang, mme Rre Kgosiemang a le supa le le fa ka go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya lekgotla la kabo ditsha. 

E re ntswa Rre Kgosiemang e le ene moikuedi mo kgannyeng ya mabitla a Ratlhomelang, gangwe le gape ga a iponatse ka malatsi a a bewang a tsheko, ntlha ee kgoreletsang go wediwa ga kgang. 

Lekgotla la boikuelo la ditsheko tsa lefatshe le eteletswe pele ke moatlhodi Mme Sampa Kaisara, le ne la ntsha katlholo Phukwi a le 13 le laela Rre Kgosiemang yo aneng a sa iponatsa go emisa tiriso ya lefatshe le le sekwang ka ponyo ya leitlho

Taelo eo e ne gape ya laola gore ba kabo ditsha le ba khansele ba e leng bone baiphemedi ba kope thuso ya ba sepodisi fa Rre Kgosiemang a sa e obamele, mme nako kgolo ke eno.

Taelo ya lekgotla la ga Moatlhodi Kaisara ya Seetebosigo a le 13, e setse e siilwe ke nako mme ga go nko e tswang lemina jaaka makgamu a a amegang e leng khansele le ba kabo ditsha ba e leng baiphemedi, ga mmogo le ba sepodisi ba sa dumalane ka gore ke mang yo o tshwanetseng go dira eng kgatlhanong le taelo ya kgotla ya ditsheko. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Aug 2018