Breaking News

Kgosi Kgagodi o tsosolosa ngwao

08 Aug 2018

Kgosi Moriti Kgagodi wa Kgagodi o dumela gore tsosoloso ya ngwao e ka dira go le gontsi go tsisa ditlhabololo. 

Kgosi o buile mo potsosolotsong gore o tlhabile mokgosi go bitsa mophato wa gagwe wa Maloma-kgomo le wa bomogolowe wa Marema-ka-chaka go tla go aga lesaka la Kgotla sesha. 

Mophato wa Maloma–Kgomo ke wa makau a a tshotsweng magareng ga 1976 go ya kwa go 1980 fa Marema-ka-Chaka e le wa ba 1970 go ya kwa go 1975. 

Pitso e ya kago ya lesaka e tsile morago ga gore madi a a neng a abetswe ditlhabololo a tlhaele go akaretsa tsotlhe tse di tlhokang go tlhabololwa mo motseng, ka jalo a bona go le maleba go kopa mo morafeng wa gagwe go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse ka puso e leka ka bojotlhe mme e sa kgone go ka dira tsotlhe ka nako e le nngwe. 

Kgosi o tlhalositse fa lesaka leo le tlaa agwa ka mapako a a tswang mo dikgotlaneng tsa motse di le lesome le motso. 

“Tlhabololo ya lesaka la kgotla e maleba ka gore tota ga le a tshwanela gore le bo le le mo seemong se le mo go sone mo nakong ya gompieno, le tshwanetswe ke go tlhabololwa ka tlhoafalo ka le robetse magosi a pele e leng Kgosi Malokwane Phalalo le ngwana wa gagwe e bong Kgosi Tantsho Malokwane. Go a re tlama re le morafe go baakanya lesaka go supa tlotlo mo go bone,” Kgosi Kgagodi a tlhalosa. 

Go tswa ka moono wa go bitsa mephato, kgosi o kaile fa a ne a ile mophatong wa ga kgosi kgolo wa Bangwato kwa Serowe ka 2011 le ba bangwe ba bagolwane mo go ene mo motseng. 

A re ba ne ba fiwa leina la Maloma-kgomo fa ba bagolwane ba ne ba fiwa la Marema-ka-Chaka. 

Kgosi o tlhalositse gore maina a mephato e a kaya go bereka ka natla go direla merafe le go ba sireletsa. 

Mo pitsong ya mephato ya balekane ba gagwe le ba bagolwane, kgosi a re ke yone nako ya gore a ba rolele leina la mophato wa bone ka go setse go le lebaka a tswa mophatong a bo a ntsha tiro e ba tshwanetseng go e direla morafe wa Kgagodi.

O boletse fa e se botlhe ba ba teng ka jaana bangwe ba faletse le lefatshe ba le mo patlong ya mafulo a matalana.

Kgosi o kaile fa tiro eo ya go aga lesaka, e tlaa tshwaraganelwa ke ba ba teng mo motseng le ba batlaa utlwang mokgosi wa gagwe. 

“Ke ne ke eletsa gore ba ba sa kgoneng go ka bonala ka nako ya tiro mabapi le go tshwarega ka tsa mebereko ba ka thusa ka se ba ka se kgonang gore go nne le dijo tsa baba tlaa bong ba le mo tirong ka gore tsie e fofa ka moswang,” kgosi a itela mo morafeng. 

Kgosi o netefaditse fa a ntshitse taolo ya gore molaetsa o anamisiwe ka maranyane a Facebook le Whatsapp go itsise ba ba kgakala. 

“Ke dumela gore bana ba motse ba tlaa tshologela tiro e, ba ba sa kgoneng go iponatsa ke dumela gore batlaa thusa ka fa ba ka thusang ka teng go isa motse wa bone kwa pele,” ga tlatsa kgosi. 

Kgosi o supile fa dikgosi tsa dikgotlana tsa motse di mo eme nokeng ka tiro e a e dirang ya kago ya lesaka la kgotla, go itsese mephato maina a bone, go tsosolosa ngwao le go rotloetsa tirisanyo mmogo le tshwaragano. Kgosi Kgagodi o kopa botlhe banni ba motse wa gagwe, go mo ema nokeng le go mo tshegetsa mo ditirong tsa ditlhabololo tsa motse. 

O kopile gape gore batsadi ba rotloetse bana ba bone go emela dipitso tsa mephato ka dinao. BOPA 

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : kgagodi

Event : Potsolotso

Date : 08 Aug 2018