Ba rotloediwa go tshegetsa dikgafela
08 Aug 2018
Kgosi Kgari Sechele III o rotloeditse Bakwena go tswelela ba tshegeditse ngwao ka dikgafela.
O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela dikgafela kwa kgotleng kgolo ya Mogoditshane.
Kgosi Kgari a re moletlo wa dikgafela o mosola ka o rotloetsa morafe go isa thobo kwa kgotleng e le sesupo sa gore ba ne ba lemile mo pakeng e e sa tswang go wela mme thobo eo e le go isa ditebogo ga mmogo le go kopa masego le matlhogonono a go nna le paka ee latelang ya temo ee nonofileng.
O tlhalositse gore jaaka dikgafela di direlwa kwa kgotleng, go tshwanetse ga salwa morago tsamaiso ya setso jaaka kapari, le mmino oo natefisng a bolela fa go tshwara moletlo oo, goo fa sebaka sa go ipela le gone go bona gore letsatsi leo le ka tokafatswa jang mo nakong ee tlang.
A re moletlo wa dikgafela ke tiro ya morafe mme ka moo ba tshwanetse ba kopana go bereka mmogo ka go kgobokanya madi le thobo.
Ka jalo a re morafe ga o a tshwanela go ikaega ka puso go diragatsa letsatsi la ipelelo thobo.
Kgosi Kgari Sechele III a re e re ntswa morafe wa Bakwena kwa Mogoditshane o kopane le merafe e mengwe, ga ba a tshwanela go latlha ngwao ya bone mme ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa go e tshegetsa gore e seka ya nyelela.
O kgothaditse batsadi go rotloetsa bana go nna le seabe ka go tsenelela moletlo oo gore batle ba ithute ngwao mo batsading ba bone.
A re seo se ka dira gore banana ba tswelele ba tshegeditse ngwao le go e fetisetsa kwa dikokomaneng tsa ka moso.
Mongwe wa banana ba ba neng ba tsene letsatsi leo Mme Lesang Kopelo a re o ithutile ka tsamaiso ya dikgafela le gore di tshwarelwa kwa kgotleng ele bontlha bongwe jwa go tshegetsa ngwao.
A re gape o ithutile gore ka letsatsi leo go apewa dijo tsa Setswana ka go farologana di akaretsa bogobe jwa lerotse, loswao le tse dingwe. Mme o tlhalositse gore dijo tseo mo nakong ya gompieno gadi motlhofo go apeiwa kwa malwapeng, ka jalo o nnile le sebaka go ja monate kwa letsatsing leo. Mme Kopelo a re gape o kgatlhilwe ke maitiso aa farologaneng a tshwana poko, dikhwaere le mmino wa setso e bile a diragadiwa ke banana jaaka ene.
A re maitiso a mofuta oo ga a motlhofo go bonala mo nakong ya gompieno le fa go supa gore banana ba le ditswerere, mme a rotloetsa gore ba seka ba ipona tsapa go tswelela ba ipelela ngwao ka bokgoni jwa bone.
Morulaganyi wa komiti ya dikgafela Kgosi Michael Khayambia a re ke ngwaga wa boraro ba ntse ba ipelela dikgafela mme ba ipelega go rulaganyetsa letsatsi leo ele banni ba Mogoditshane e bile ba sa kope dithuso dipe mo pusong go iragatsa letsatsi leo.
A re ba ne ba ikgaoganya ka dikgotlana di le masome mane mme ba dumalana go apaya bojalwa jwa setso, go isa thobo ya bone ya mmidi, marotse le tse dingwe.
O tlhalositse gore mo godimo ga tseo, kgotlana nngwe le nngwe e ne e ntsha koleke ya 10kg ya setampa ga mmogo le 10kg ya mabele gore di apewe ka letsatsi leo.
Kgosi Khayambia a re gape go nnile le baithaopi ka go farologana jaaka ba ba nnileng le seabe sa go ntsha kgomo, moriti wa tante, dikgong le tse dingwe.
A re komiti eo ene e kgobokantse madi a selekanyo sa P5000 mme a dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa go baakanyetsa letsatsi leo.
A re o leboga dikhamphani ga mmogo le batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo go baakanyetseng letsatsi leo a tlhalosa gore seabe sa bone se nnile le mosola mo go fitlheleleng maikaeleo a bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOGODITSHANE
Event : dikgafela
Date : 08 Aug 2018



