Breaking News

Scotch o itshetsa ka go rekisa dikgong

08 Aug 2018

Monni wa Tonota mo kgotleng ya Manyanda, Rre Kumbulani Scotch yo o dingwaga tse di masome mararo le botlhano o tlhalositse fa a itshetsa ka go rekisa dikgong tse di omileng.

Rre Scotch a re o simolotse go rekisa dikgong ka 2017, mme a ne a kgatlhegela go dira kgwebo e morago ga gore e re fa a remile mapako a masimo le fa a remile mapako a masaka, go sale dikgong tse a neng a bona di ka mo tswela mosola, ka e bile e ne e le monana yo a neng a sa dire gope.

A re o ne a tsaya tshwetso ya go batlisisa gore o ka dira jang ka semolao go diragatsa toro ya gagwe ya go rekisa dikgong.

Rre Scotch a re e rile ngogola ka Phalanea ya kwa lephateng la dikgwa kwa Selebi Phikwe, a ya go kopa teseletso ya go rema le go rekisa dikgong mo merakaneng, go tswa kwa Gubame go ema kwa Thubula mo kgaolong ya Tonota. 

A re le fa go ntse jalo, fa a fitlhela gongwe dikgong di le mo merakeng ya batho, o ba tlhalosetsa ka teseletso e a e filweng gore ba itse gore o tsaya dikgong ka fa molaong. 

Rre Scotch a re o ne a atlega go bona teseletso ya go rema dikgong ka Lwetse, mme seo sa mo kgontsha go simolola kgwebo ya gagwe. 

O tlhalositse gape gore o ne a rutuntshiwa ke ba lephata la dikgwa gore dikgong tse di omileng di farologana jang le tse di metsi.

A re go rekisa dikgong go mo thusa go tlamela le go tshetsa ba lelapa, e bile ga go na letsatsi le le fetang go sena sefitlholo sa letsatsi. 

Rre Scotch a re le fa go ntse jalo, o lebaganwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka koloi e e ka mo thusang go dira tiro ka botlalo. 

O tlhalositse fa a rwala dikgong kwa merakeng, ka go adima dikoloi kana dikotsekara tsa batho, tse di mo lopang madi a a mantsi, e bile seo se dira gore a seka a bona dipoelo tse di botoka. 

O ne a tlhalosa fa seemo sa go tlhoka koloi se dira gape gore a seka a kgona go isa dikgong ka nako kwa bathong ba ba beeleditseng go reka. 

O tlhalosa gore le fa go ntse jalo, ga a kake a kgobega marapo ka gore o itse fa kgwebo ya gagwe e tla tswelela e gola.

A re mo nakong e, o setse a kgona go rekisetsa sekole se segolwane sa Tonota, mme se se tla dira gore mo nakong e e sa fediseng pelo a kgone go reka koloi. 

Rre Scotch o supile gape gore o rekisetsa bafeti botlhe ba tsela, dikomponi, ba rekisi ba dijo le dikole ka go farologana.

Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke gore ga a na lefelo le a le filweng ke ba lephata la kabo ditsha gore a tle a kgone go atolosa kgwebo ya gagwe, ka go aga madirelo a sennela ruri, a re se se ka mo thusa gore a rulaganye dikgong ka tsela e e kgatlhisang e bile a ka seke a tshwenngwe ke diemo tsa dipaka tsa dipula.

Rre Scotch o supile fa a na le keletso ya gore fa kgwebo e gola a tle a thape bangwe Batswana go mo thusa go godisa kgwebo, ka gore o eletsa gore e seka ya nna ene yo o bonang maduo a mantle a le nosi.

O bile a rotloetsa Batswana gore ba nne le kgatlhego ya go tsaya teseletso ya go rema dikgong tse di omileng gore ba tle ba seka ba senya tikologo ka go kgaola ditlhare tse di tshelang. 

A re kana fa ba tsere teseletso ba tla tlhalosediwa gore setlhare se botlhokwa jang mo matshelong a bone le gore fa se omeletse se dirisiwa jang. 

Rre Scotch o kopile gore Batswana ba mo eme nokeng gore a tswelele a fetola botshelo jwa gagwe le jwa bone ka dikgong. BOPA

Source : BOPA

Author : Edith Sebati

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 08 Aug 2018