Banni ga ba tsene diphuthego tsa kgotla
08 Aug 2018
Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o tshwentswe ke go tlhoka go tsena diphuthego ga morafe go utlwa ka ditlhabololo tsa motse.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a bolela fa go tlhoka go tsenaa diphuthego go dira gore ditlhabololo di seka tsa nna teng ka jaana ba sa kgone go rerisana. O ne a tlhalosa fa diphuthego di tsenwa ke mabutswapele le babereki ba Ipelegeng, a supa fa banana bone ba saletse ko morago.
A re se se utlwisang botlhoko ke banni ba ba ipeelang matshwenyego mme e re tona kana mopalemente a tla ba bo ba tshologela lebatla go ntsha matshwenyego a bone a ba paletsweng ke go a bua le ene kana mokhanselara go le pele.
Kgosi Letshabo o boletse fa a lekile makgetho a le mantsi go bua le bone le go ba rotloetsa mo manyalong le mo dintshong mme go se nko e tswang lemina.
O boletse gape fa a tshwentswe ke borukutlhi jwa go thujwa ga matlo, mabentlele le go utsiwa ga loruo. A re borukutlhi jo bo etleediwa ke tlhaelo ya mapodisi mo motseng ka dipalo tse di teng di padisa gore ba dikologe motse sentle go lwantsha borukutli mme se se fe dirukutlhi sebaka sa go senya ba sosologile.
Kgosi Letshabo a re ntswa a lebogela mananeo a puso a a ba thusang go ikinola mo lehumeng, o boletse fa a le bonya go goroga ka jaana banni ba kgona go nna dingwaga di le pedi go ya ko go bone ba ise ba a bone. Ka jalo, o ne a kgothatsa banni go tla diphuthegong ka dinako tsotlhe ka jaana go sena ope yo o ka tswang kwa ntle ga motse wa bone go tla go o tlhabolola, a gakolola fa ba tshwanetse go emela motse ka dinao ba rerisane le baemedi ba bone ka tse ba di batlang mo motseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : molapowabojang
Event : Potsolotso
Date : 08 Aug 2018



