Sekale se botlhokwa
08 Aug 2018
Batsadi kwa Mahalapye ba gakolotswe fa thulaganyo ya sekale sa kgwedi le kgwedi e le botlhokwa mo kgodisong ya ngwana.
Bagolwane ba botsogo ba ntshitse kgakololo morago ga go lemoga fa batsadi bangwe ba ngodiega go isa bana sekaleng.
Mo potsolotsong, mooki yo mogolwane kwa kokelong ya Mahalapye, Mme Tuduetso Selato a re bana ba ba kalwang ba fiwa dijo jaaka tsabana le tsabotlhe tse di thusang go ba neela dikotla tse di botlhokwa mo kgolong ya bone.
Le fa go ntse jalo, Mme Selato a re ditshekatsheko di supile gore go na le batsadi ba ba emisang go isa bana sekaleng fa go sena mophako.
O tsibositse batsadi go lemoga gore maikaelelo a go isa bana sekaleng kgwedi le kgwedi ga se fela kgang ya mophako, a tlatsa ka gore selo sa botlhokwa ke go lebelela botsogo jwa ngwana gore a kgone go neelwa tse di tla thusang gore a gole a sireletsegile.
“Re tshwenyegile thata ka go lemoga gore batsadi bangwe ba emisa sekale ka nako e go senang mophako.”
Mme Selato a re go dira jalo go tsenya matshelo a bana mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse.
O tlhalositse fa go isa ngwana sekaleng go thusa go sekaseka kgolo ya ngwana mme seo se thuse mo go netefatseng gore ngwana o gola sentle.
A re go kwadisa bana ba bannye kwa dikokelong go botlhokwa ka go thusa go lemoga bana ba ba tlhokang dikotla mo mmeleng le ba ba ka tswang ba amilwe ke makoa mangwe.
A re sekale se thusa gore bana ba ba tlhaelang ke dikota dingwe ba fiwe dijo tse di tlaa thusang gore ba nonofe.
O tlhalosa gape gore lenaneo la sekale sa kgwedi le kgwedi le dirisiwa gape go fa bana kalafi ya itshireletso mo makoeng ka go farologana.
A re mebele ya bana ba bannye ga e a nonofa go ikemela kgatlhanong le makoa, ka jalo go botlhokwa gore ba fiwe melemo e ka thusang go nonotsha masole a mebele ya bone.
A re bana ba bannye go ya ka dingwaga tsa bone ba tshabelelwa ke malwetse.
Mme Selato a re ngwana ba fiwa mekento e e farologanyeng go simolola ka letsatsi le a belegwang ka lone.
“Fa ngwana a tsholwa o kentwa ka mokento wa Hepatitis B o o thibelang bolwetse jwa sebete le BCG o o sireletsang kgatlhanong le kgotholo e tona.”
Ngwana wa kgwedi tse pedi o fiwa lerothodi la go swa mhama le wa pneumoccal go thibela thurugo ya letha la boboko, ga tlhalosa Mme Selato.
O tlhalositse gape gore ngwana wa kgwedi tse di robang bongwe o fiwa mokento o o thibelang mmokwane.
Mme Selato are sengwe se se tshwenyang ba lephata la botsogo segolo bogolo a itebagantse le botsogo le kgodiso ya bana ba bannye ke gore go nale bagolo ba ba amogang bana dijo tse ba di phakisiwang gore di ba fe dikotla tsa botlhokwa tse ba di tlhokang go gola sentle.
A re seemo seo se a tshwenya e bile se busetsa maiteko a ba botsogo kwa morago a go godisa bana ba ba itekanetseng.
Mme Selato a re bana ba ba sa fiweng dijo tse di tshwanetseng mebele ya bone ba tshabelelwa ke makoa.
Ka jalo, Mme Selato o ikuela mo setshabeng gore bagolo ba emise go tima bana sebaka sa gore ba gole sentle ba itekanetse ka go ba jela.
Mme Selato a re go botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe se se utlwalang mo botsogong jwa bana.
O supa gore go na le dikgang tsa gore batsadi bangwe ba a di rekisa fa bangwe ba fepa leruo ka tsone.
Le fa go ntse jalo, Mme Selato o supile gore ba lephata la botsogo le boitekanelo ga ba na go ipona tsapa, ba tlaa tswelela ba ruta setshaba ka botlhokwa jwa go isa bana sekaleng kgwedi le kgwedi. BOPA
Source : BOPA
Author : Mompati Pilatwe
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 08 Aug 2018



