Breaking News

Morafe wa ga Mmanaana o isa dikgafela

07 Aug 2018

 Bakgatla ba ga Mmanaana ba  santse ba tshegeditse ngwao ya Setswana ya go bitsa dikgafela.

Ka jalo e rile ka Mosuplogo Bakgatla ka dikgotlana tsa bone mo Moshupa ba phuthegela kwa kgotleng go isa mabele kwa kgosing, a a tsileng go dira bojalwa jwa dikgafela. 

Mo potsolosong le BOPA  Kgosi Mosielele Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re thulaganyo ya dikgafela e simologile ka 2007 fa a  sena go tsaya setilo sa bogosi. 

Kgosi o tlhalositse fa moletlo wa dikgafela o go tlaa bong go tsisiwa bojalwa kwa kgosing o tlaa tshwarwa Lwetse e le lesome le bone. 

O boletse fa Tautona Mokgweetsi Masisi a solofetswe go nna teng mo dikgafeleng tse fela jaaka e le tlwaelo ya gagwe go tsena moletlo o.

A re thulaganyo ya dikgafela e le ba bogosi ba e dirile e le go tsosolosa ngwao le go rotloetsa morafe go itirela dijo ka temo ka jaana dikgafela  e le  tsela nngwe e Batswana ba kopang pula ka yone gape kwa go Ramasedi.

Kgosi a re mabele a dikgafela a isiwa kwa kgosing gore a tle a thuse ba ba senang dijo, mme ba ntse ba tsweletse ka go ba rotloetsa go itirela dijo ka temo. 

O supile fa se se bereka ka jaana bangwe ba dule mo go berekeng Ipelegeng. 

A re ka thulaganyo ya dikgafela bontsi jaanong bo a lema e bile bo ntsha dijo kwa masimo.

A re fa e sale go nna le dikgafela kwa Moshupa le ba ba neng ba ikaegile ka Ipelegeng fela ba lema ka makatlanamane gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng. 

A re e rile fa a tsena mo setilong a rotloetsa morafe go dira dikgafela mme thulaganyo eo ya dikgafela ya tsisa pharologanyo mo morafeng wa le tikologo. 

Kgosi Mosielele a re fa go isiwa dikgafela kwa kgosing morafe o tla ka dikgotlana tsa one o eteletswe pele ke dikgosana, a tlatsa ka go re kapari go ganelelwa mo pakeng gore go supege gore ke batho ba le mo moonong.

A re bomme ba apara leteisi le megagolwane ba eteletswe pele ke mmakgosana, go binwa e bile go duduediwa go kopa pula. BOPA 

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2018