Breaking News

Batswana ba kopiwa go nna le mowa wa tlotlano

07 Aug 2018

Kgosi Olebogeng Mojuta wa kgotla ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe o kopile morafe o o neng o tsene phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi go neela bagolo tlotlo e e ba tshwanetseng. 

Kgosi Mojuta a re Batswana ba itsewe ka go ratana mme mo bogompienong go lebega seo se nyelela ka bonya, mme a tlhalosa fa se se ka dira gore go nne le letlhoo le le ka felelang le kgaoganya batho. 

Kgosi Mojuta o supile fa se se setse se banala ka dipolao tsa batho di ile magoletsa. 

E rile a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa kgaolo ya Botshabelo leloko la komiti ya ditlhabololo, Rre Ernest Venga a re ditlhabololo tse di dirwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo di setse di wetse jaaka ditsela le makgabaganyo a sekole se segolwane sa Mojamorago. 

Rre Venga o ne a gape a supa matshwenyego a go tlhaela ga didirisiwa tsa botsogo di tshwana le dikausu tsa itshireletso le melemo mo dikokelong. 

E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Molefhi a supa fa tlhaelo ya melemo mo dikokelong e ne e bakwa ke gore ba ba neng ba neetswe boikarabelo jwa go rekela puso melemo ba ne ba sa dirisane le barekisi ba melemo ka fa go neng go dumalanwe ka teng, ka jalo dikompone tsa melemo di ne tsa emisa tirisano mmogo eo. 

Rre Molefhi o solofeditse morafe fa seemo sa tlhaelo ya melemo se tlaa fela ka puso e ikgolagantse le ba dikompone tse di rekisang melemo gore go nne motlhofo gore melemo e kgone go goroga kwa setshabeng. 

O tlhalositse fa madi a ntshitswe go dira ditshekatsheko mabapi le kago ya sepatela se setona sa Selebi Phikwe go bona gore a se ka agwa ka moalo o mogologolo ka go tlhokega gore o tlhabololwe go tsenngwe dingwe tse di ka tsamaelanang le seemo sa gompieno. 

Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa ba ofisi ya nyeletso lehuma go tswa kwa Gaborone e tlaa re mo bekeng e e tlang ba bo ba le mo Selebi Phikwe go tla go ikopanya le ba ba tlaa bong ba na le kgatlhego ya go rua ditlhapi. 

Rre Molefhi o ne a supa fa mmaraka wa thekiso ya ditlhapi o le kwa godimo ka le ba bongaka ba supile fa nama ya yone e siametse botsogo jwa motho ka e sena mahura a mantsi. 

E rile a ba lekodisa ka melao e e fetileng kwa Palamenteng, Rre Molefhi o ne a supa fa ba tshwanetse go e tsaya ka tlhoafalo ka e ama mongwe le mongwe bogolo jang wa tiriso ya maranyane le ya tiriso ya diritibatsi. 

Rre Molefhi o ne a supa fa dikatlholo tsa batho ba ba gwebang ka diritibatsi di baakantswe e bile di ama dintlha dingwe tse di ka dirang gore batsadi ba bo ba ka iphitlhela ba gogetswe kwa makgotleng a ditsheko ka lebaka la go tlhoka kitso.

Kwa bofelong ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a supa fa go na le kgatelopele mo go lekeng go ngokela bagwebi mo toropong ya Selebi Phikwe ka dikompone dingwe tse di rokang di setse di butse e bile di bereka. 

Rre Molosiwa a re khamphani e e dirang metsi le yone e tsweletse mme go rotloediwa makalana a puso le a a ikemetseng go reka kwa  go bone gore e kgone go gola e bo e ka thapa badiri ba le bantsi. BOPA 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kgotla meeting

Date : 07 Aug 2018