Breaking News

Setshaba se rotloetswa go dibela bana

07 Aug 2018

Mohumagadi Mma Tumagole wa Bakwena a re malapa a go le gantsi a senang kagiso a tshabelelwa ke dilabe tsa go godisa bana ba ba aperweng ke botlhoka tsebe. 

E rile a bua mo thulaganyong ya go ipelela letsatsi la tlhokomelo ya bana le rulagantswe ke khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau bosheng, Mma Tumagole a supa fa ditshekatsheko di supa fa malwpa a a tlhaelang kagiso le lorato, batsadi ba tshela ka go kubetsana, bana ba one ba kopa mokgwa wa go nna jalo. 

“Go botlhokwa gore batsadi ka dinako tsotlhe ba itlwaetse go lere tharabololo ya dikgang tsa bone kwa thoko, go hema go godisetsa bana mo tikologong e e sa ba ageng,” ga gakolola mohumagadi. 

A re tikologo e ngwana a golelang mo go yone e botlhokwa ka jaana e na le seabe mo go betleleng ngwana tsela. 

Lenaneo la Foster Care ke le ka lone bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi ba godisiwang ka nakwana ke batsadi ba e seng ba bone mo lobakeng lo lo beilweng go ba faposa diemo tsa malapa a batsadi ba bone.

O lebogetse kgatelopele ya khansele ya Kweneng go bo e di goga thwadi go nna nngwe ya tsa ntlha go anywa maitemogelo a go tlhomamisa tshireletsego ya ngwana. 

Mokwaledi mogolo mo khanseleng eo, Rre Gofaone Kgabanyane o kgothaditse batsadi go rotloetsega go nna mo palong ya ba ba ithaopelang go nna Basamarea ba ba molemo ka go thusa go tlhokomela ngwana yo kgodiso ya gagwe e kgorelediwang ke mabaka a botshelo. 

A re ga se mongwe le mongwe yo o eletsang go nna le ngwana yo a mo neelwang, mme go simolola ka tshekatsheko go bona bokao jo bo amogelesegang mo setshabeg jaaka lorato, bobelotelele, boikarabelo le boikanyego go thusa go boloka ngwana yo seemo sa botshelo jwa gagwe se faraferweng ke dikgwetlho. 

Mokwaledi mogolo a re khansele ya gagwe e santse e lebanwe ke kgwetlho ya dipalo tse di kwa tlase tse di ka thusang go amogela bana ba seemo seo. 

O supile fa mo nakong eno ba dira fela ka batsadi ba le lesome le bobedi mme keletso e le gore palo e gole go tshwara lekgolo mafelo a ngwaga ono. 

Khansele potlana ya Molepolole/ Lentsweletau, ke nngwe ya tse tharo tse go lekelediwang lenaneo le mo go tsone go balelwa le dikhansele tsa Gaborone le Ramotswa.

Mogolwane wa lephata la boipelego la kgaollwana ya Molepolole, Mme Botho Mbwe o rotloeditse morafe gore o seka wa  ipona tsapa, mme ba rotloetsege go ipona ba na le seabe mo kagong le kgodiso ya ngwaga yo o tshelelang mo seemong se a senang taolo mo go sone. 

A re go inaakanya le thulaganyo eo go ka thusa go faposa bana mo dikgwetlhong fa malapa a ka ithaopa go thusa go sireletsa bana fa go santse go tsweletswe le go baakanya seemo kwa malapeng a batsadi ba bone. 

Mothusa kgosi, Rre Lawrence Mohaladi o rotloeditse batsadi go tsaya lenaneo la Foster Care ka tlhoafalo ka go lemoga le ka thusa go aga le go betla bokamoso jwa ngwana yo o tshelelang mo tikologong e e makgwakgwa. 

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Tshenolo Leshomo, o kgothaditshe bana ba ba ka fa tlase ga thulaganyo eo go tsaya boikarabelo jwa go godisa maitlamo a puso ka go boloka kitso e ba e abetsweng. 

“A lerona re rotloetsegeng go thusanya le puso ka go tlhomamisa gore seabe sa rona se a bonala mo go godiseng thulaganyo gore maikaelelo a yone a kgonege,” Rre Leshomo a gakolola. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Ipelelo letsatsi la tlhokomelo ya bana

Date : 07 Aug 2018