Breaking News

Tshegetsang malapa ka tumelo

07 Aug 2018

Bomme ba kereke ya The Holy Christian Apostolic Church In Zion ba rotloeditswe go tshegetsa malapa a bone ka tumelo ka e le yone motheo wa malapa a sekeresete. 

Se se builwe ke mogolwane wa bomme ba kereke eo, Mme Benni Keaketswe kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa malatsi a mararo wa bokopano jwa bomme go tswa mo dikgaolong tsotlhe go ralala lefatshe leno kwa Hatsalatladi. 

Mme Keaketswe o rotloeditse bomme ba kereke eo go nna sekao mo baneng ba bone ka go tshegetsa matshelo a bone le malapa a bone ka tumelo ka e le botlhokwa mo go ageng motho. 

A re bomme ba tshwanetse gore ba seka ba ineela motlhofo fa ba kopana le mathata mo malapeng a bone mme ba ikanye thapelo ka nako tsotlhe. 

O tlhalositse gore bokopano joo bo na le dingwaga di feta lesome bo ntse bo tshwarwa ke kereke ya bone, ka jalo a re bo file bomme sebaka sa go buisana ka go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le go tsaya malebela mo go ba bangwe ka go abelana maele. 

Mme Keaketswe a re gape bokopano jo, bo ntse le seabe se segolo mo kerekeng ya bone ka bo ngokile maloko a kereke a a neng a saletse kwa morago mme ba nna le sebaka sa go tia moko mo tumelong. 

A re bokopano joo gape bo fa dikomiti tsa kereke ka go farologana sebaka sa go buisana ka dilo tse di farologaneng jaaka go thusana ka maele a go kgobokanya madi go dira ditlhabololo tsa kereke eo. 

Gape a re mo mading a ditlhabololo tsa kereke ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi di tshwana le go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, ka jalo a re ba setse ba abetse sekole se segolwane sa Maikano paka ya sekole ga mmogo le go aba dikobo kwa Old Naledi. 

A re ntswa e le bokopano jwa bomme maloko otlhe a kereke eo a akaretsa baruti le banana ba ne ba kopanela tirelo eo le bone go ba fa thotloetso. 

Mookamedi wa kereke eo mo Botswana, Rre Gasemosarwa Lebati o ne a tlhalosa fa kereke e le botlhokwa ka e thusa puso mo go ageng batho go iphapha mo dilong tse di bosula, ka jalo a re bokopano jwa bomme bo mosola thata ka bo tiisa mo tumelong le go tsamaisa malwapa a bone sentle. 

A re bomme ba na le seabe se setona mo go ageng malapa ka jalo ba tshwanetse ba ikaega ka tumelo nako tsotlhe ebile a rotloetsa borre go ba ema nokeng ka nako tsotlhe gore ba kgone go kopanela tiro eo. 

O ne a kgothatsa bomme gore ba seka ba ipona tsapa go direla kereke gammogo le go itshwarelela ka tumelo. 

A re tumelo ga e motlhofo mme e batla ole pelotelele mo go tshepheng Modimo le ditiro tsa gagwe. 

Rre Lebati a re kereke eo e simolotswe kwa Afrika Borwa ka 1940 mme ya bulwa semmuso ka 1966 mo Botswana. 

A re mo nakong ya gompieno e eteletswe pele ke Bishop Mackson Jeje yo o ntseng le seabe se segolo mo go e tlhameng. BOPA

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : HATSALATLADI

Event : moletlo

Date : 07 Aug 2018