Go itshidila mmele go botlhokwa
07 Aug 2018
Go itshidila mmele ke selo se se botlhokwa thata mo botsogong jwa motho.
Moemela kgosi yo mogolwane mo Kanye Kgosi Kwelagobe Mookodi a re a re gape go thusa le gore mmele o seka wa lapa mo a ka felelang a tsofala ka bonako.
Kgosi Mookodi o buile jalo bosheng ka letsatsi la botsogo le rulagantswe ke ba mokgatlho wa Botsogo Pele mo Kanye.
Maloko a mokgatlho oo bontsi ke bagodi.
A re go itshidila mmele go ka thusa go fokotsa go tsenwa ke malwetse.
E rile a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, Mme Kefalotse Ntereke a tlhalosa fa Botsogo Pele e le mokgatlho wa bagodi ba ba dingwaga di masome a marataro go ya kwa godimo.
A re maikaelelo a go bo ba le mo mokgatlhong oo ke gore ba tile malwetse a a sa tshelanweng jaaka sukiri, madi a matona le kankere.
Mme Ntereke o tlhalositse gore motho o ka tila go tsenwa ke malwetse a o ka go itshidila, goja sentle le go itapolosa, a re go botlhokwa gore motho aje dijo tse dinang le moroko, maungo le merogo ka di siametse botsogo jwa motho.
A re mokgatlho o, o simologile ka ngwaga wa 2017 mme bagodi ba le masome a mararo ba ikwadisa mo go one, a tlhalosa fa keletso ya gagwe ele go bona mokgatlho o o gola.
Mme Chedu Zwiyo go tswa kwa go ba lephata la botsogo la DHMT mo Kanye o tlhalositse gore e le ba botsogo ba a itumela fa ba bona go na le ba ba emeng lephata nokeng go anamisa molaetsa wa botsogo jaaka ba Botsogo Pele, a gatelela ka gore go itshidila mmele le goja sentle ke konokono mo botshelong jwa motho.
Mme Zwiyo a re go ja mahura a mantsi le letswai ga go a siama ka go baka malwetse, bogolo jang fa motho a sa itshidile mmele, a gatelela ka gore bolwetse jwa sukiri le jwa madi a matona ke dija mmogo ka gantsi motho fa a lwala bolwetse jwa sukiri gantsi o tsenwa ke jwa madi a matona.
O gateletse botlhokwa jwa go ja dijo tse di nang le moroko ka di siametse botsogo.
Dr Boitumelo Motswagole go tswa kwa Food Technology Research Centre (NFTRC) o tlhalositse fa go le botlhokwa gonwa metsi kgapetsakgapetsa le go ja maungo.
Dr Motswagole a re maungo a farologana ka mmala, mme mmala mongwe le mongwe o na le kotla ya one mo mmeleng.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore motho a je dijo a di kabakanya, a gatelela ka gore mmaba yo motona mo botsogong jwa motho ke mahura le sukiri.
A re go botlhokwa gore motho a itlhatlhobe a itse seemo sa gagwe sa botsogo ka jaana fa motho a itshidila a bo a aja sentle mme a sa itlhatlhobe o abo a sa tlhaloganye seemo sa gagwe.
Dr Motswagole o gateletse le botlhokwa jwa go itapolosa. BOPA
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : letsatsi la botsogo
Date : 07 Aug 2018



