Mapodisi a itumelela tirisanyo mmogo
07 Aug 2018
Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya o supile fa a itumedisiwa ke tirisanyo mmogo e e renang magareng ga mapodisi le morafe wa metse e e welang ka fa tlase ga kampa ya gagwe.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Superintendent Ngayaya o tlhalositse fa mo nakong eno seemo sa borukutlhi se ritibetse mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya Masunga mme e le ka ntlha ya go bo banni ba tikologo eo ba itlamile go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
Mme Ngayaya a re go a itumedisa ka jaana banni ba metse eo ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go begela mapodisi ka sepe fela se se ba fatlhang mo tikologong ya bone, ka jalo a ba kgothatsa go tswelela ka tirisanyo mmogo eo, e a tlhalositseng e thusa mo go tlhabantsheng borukuthi.
Le fa go ntse jalo, a re banni ba kgaolo ya gagwe ba tshwanetse ba itse fa mogala wa bone wa 2489222 o ba tlwaetseng go leletsa mo go one, mo nakong eno o se mo tirisong ka ntlha ya tsa maranyane, selo se a boletseng se setse se baka gore tirisano mmogo ya bone le morafe e reketle, ka ba setse ba amogetse dingongorego tsa go bo mogala oo, o seke o arabiwa.
Superintendent Ngayaya o kopile morafe gore mo boemong jwa go leletsa mo mogaleng oo, ba ka itshwaraganya le bone mo megaleng ya 2489712, 2489691 le gone go leletsa mo go wa mahala wa 999 kgotsa ba dirisa ditsela tse dingwe tse ka tsone ba ka begang sepe se se ba belaetsang mo tikologong ya bone.
Mookamela mapodisi a re e re le ntswa gone ditiragalo tsa borukutlhi di wetse tlase, fela dingwe di santse di diragala fale le fale, a tlhalosa fa e ne ya re kgwedi eno e le malatsi mararo magodu a gatlhamela mo ntlong ya mme mongwe kwa Masunga mme ba mo amoga megala ya letheka e le mebedi le makgolo a marataro a dipula.
Superintendent Ngayaya o boletse fa tiragalo eo e diragetse bosigogare, fa ngwana wa mme yoo a ne a lebeletse thelebishene.
Go tlhalosiwa fa manweenwee ao, a ne a laola ngwana go ba kaela kwa ntlong ya borobalo ya ga mmagwe, kwa ba fetileng ba mo amoga dilo tseo.
E ntse e le tsa kgaolo ya Masunga, mo tiragalong e nngwe ya bogodu, Superintendent Ngayaya o tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re kwa Kalakamati ka Matlhatso, magodu a tsenelela batho mo phitlhong mme ba bula koloi ya Mme mongwe ba utswa megala ya letheka e le mebedi ya tlhwatlhwa ya P4 550 le P1 800.
Mme Ngayaya a re ga ba ise ba tshware ope mabapi le ditiragalo tseo fela a rotloetsa batho go nna ba iketse tlhoko mo magodung le go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore ba baya dithoto tsa bone fa di ka sekeng tsa oka magodu teng.
O gakolotse gape gore ka dinako tsotlhe fa batho ba itisitse mo matlong, ba nne ba tlhomamisa gore a lotletswe, ka seo se ka dira gore go seka ga nna motlhofo gore magodu a kgone go tsena.
Mme Ngayaya o ne a gakolola batsadi go tsaya boikarabelo jwa go laola dinako tse bana ba bone ba lebelelang dithelebishene ka tsone, go na le go ba letlelela go di lebelela go fitlhele a bosigogare. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 07 Aug 2018



