Ba ba fiwang teseletso ya go sega bojang ba kopiwa go itshwara sentle
07 Aug 2018
Batho ba ba filweng teseletso ya go kgetla bojang ba gakolotswe go itshwara sentle kwa ba gorogetseng teng go itsa go gotlhagotlhana le tikologo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Zoroga, Rre Ditshwanelo Shororo a re morago ga gore bangwe ba fuduge go ya go kgetla bojang, go supagetse fa bangwe ba rekisa majalwa a Setswana kwa ba thibeletseng teng.
A re go rekisa majalwa mo tikologong ya go nna jalo, go baya matshelo a batho mo diphatseng ka ba ka tshuba naga kgotsa ba tlhoke kelelelo mo diphologolong tsa naga tse di ka nnang borai mo matshelong a bone.
Mo potsolotsong le BOPA, o tlhalositse fa dinotagi di ka baka dintwa le dipetelelo mme go tsee sebaka go bona baoki ka ba le kgakala.
Rre Shororo a re go baya gape mo diphatsheng segolo bogolo bana ba ba tsamaileng le bone.
A re ga a jesiwe diwelang ke batsadi ba ba ileng le masea kwa nageng ka e tletse dibatana le digagabi tse di ka nnang borai mo go bone.
Rre Shororo a re ka e le malatsi a boitapoloso a bana ba dikole, batsadi ba tsamaile le bana mme seo se ba dia go bala ka ba tlhola ba kgetla bojang letsatsi lotlhe mo go tlaa nnang le seabe mo kwelotlase ya maduo.
O supile fa go isa bana go ya go kgetla bojang go fetola ditlhaloganyo tsa bone ka ba ka felela ba tsaya gore bojang e ka nna tsela ya go itshetsa ba bo ba felela ba itlhokomolose dithuto.
A re dikgwebo ka mefuta le dithoto di isiwa kwa jannye go di amogana ka jone.
Rre Shororo a re bangwe bana ba tlogela dikole ka paka ya go kgetla bojang ka ba kgona go reka sepe fela se ba se batlang morago ga go bo rekisa.
O kgadile beng ba dikoloi tse di isang batho koo, a re ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.
A re beng ba dikoloi ba lopa dingata tsa bojang tse dintsi mo go felelang go dira gore banni ba berekele bone le dijo fela morago ba bowe ba iphotlhere mme seo se dira gore banni ba seka ba tswelela ntswa ba letlelelwa go itshetsa ka di-tsa tlholego.
Rre Shororo o rotloeditse batho go nna le dithuso tsa potlako fa ba ya jannye gammogo le gore ba botsogo ba ba beye leitho go netefatsa gore tikologo e ba leng mo go yone e siametse botsogo.
A re go fudugela kwa nageng go sena thulaganyo e e dirilweng, go baka kgotlhelesego mo tikologong ka batho ba kampa fela ba sena matlwana a boitiketso le fa ba latlhelang matlakala teng.
O ba kgothaditse go tlhama mokgatho o o tlaa ba tshwaraganyang gore ba kgone go rekisa bojang jwa bone ka lentswe le le lengwe fela ka ditlhwathwa tse di botoka. BOPA
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 07 Aug 2018



