Breaking News

Tikologo e e leswe e diphatsa

06 Aug 2018

Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane o lebogetse badiri ba khansele ya Kweneng go bo ba ne ba tshwaretse moletlo wa phepafatso tikologo kwa motseng wa gagwe. 

O buile jaana fa a ne a amogela baeng kwa moletlong oo ka mafelo a beke.

Kgosi Phuthego o ne a tlhalosa fa lephata la Enviromental Health le tshwere tiro e tona mme a tlhalosa fa le sena ditsompelo.

Kgosi o kopile gore puso e ele tlhoko metseto ya bana e e latlhwang, a tlhalosa fa e na le seabe se setona thata mo go kgotleleng tikologo, gape e jewa ke leruo mme le felele le tsenwa ke bolwetse jwa mabele.

E rile a tswa la gagwe Dr Mwamba Nsebula go tswa kwa moepong wa Jwaneng, a tlhalosa fa nako e gorogile ya go fetola ka fa ba lebang dilo ka teng.

O tlhalositse fa go phepafatsa tikologo go raya mongwe le mongwe, mme motho o tshwanetse go ipotsa gore fa a sena go dirisa pampiri kana polaseteke a o e latlha ka tsela e e tshwanetseng.

Dr Nsebula a re go phepafatsa tikologo go tlhalosa se motho a leng sone, a bo a tlhalosa fa gape tikologo e e leswe e oka dipeba, mme fa go nang le dipeba teng go ratwa ke dinoga tse di ka felelang di loma batho. 

O boletse fa go le botlhokwa go busetsa matlakala mo tirisong.

O tlhalositse gore kwa moepong wa Jwaneng, tikologo e botlhokwa ka jaana ba epa teemane mo go yone, gape ba dirisa metsi a mantsi a ka fa tlase ga lefatshe.

Dr Nsebula o boletse fa ba rotloetsa badiri ba moepo go farologanya matlakala a a ka busediwang mo tirisong le a a latlhelwang kwa lefuting la matlakala.

O kopile Batswana gore fa ba bona motho a gasagasa matlakala ba mo kope go a sela le go a latlhela fa go tshwaneng. 

O ne a ba kopa gore le bone ka bongwe ka bongwe ba itise mo go latlheng matlakala ka tsela e e sa babalesegang.

Dr Nsebula o supile fa go sela matlakala go simolotswe ke motho a le mongwe kwa lefatsheng la Australia, fa a ne a bona seemo sa lefatshe la bone se ne se ngomola pelo ka leswe, mme a bona go le botlhokwa go phutha batho go sela matlakala go dira pharologanyo, ke ka moo go ipelelwang letsatsi le lefatshe lotlhe.

Dr Nsebula o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba tlhokomele tikologo gore e tle e intshafatse.

Rre Tlhopho Leatile wa Hatsalatladi o ne a ikgapela maemo a ntlha mo ntlheng ya go thula ditshipi, fa Mme Khumoetsile Sentsho wa Molepelole ene a ne a ikgapela sekgele ka go dirisa galase.

Motse wa Kgope o ne wa tsaya sekgele mo metsaneng e e phepa, fa Dutlwe a ne a tsaya sekgele mo metseng e megolwane ka 73.4 per cent.

Khudumelapye o ne a gapa maemo a ntlha mo metseng e metona, a latelwa ke Thamaga le Lentsweletau.

Kgotlana ya Magokotswane e ne ya gapa maemo a ntlha mo dikgotlaneng tsa Molepolole, e latelwa ke ya Boswelakoko di bo di salwa morago ke ya Leologa.

Kgaolo potlana ya Letlhakeng e ne ya tsaya sekgele mo kgaolong go fenya ya Mogoditshane e e dikileng e e bontshitse bontshonyana. BOPA

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : moletlo

Date : 06 Aug 2018