Seabe le tsamaiso ya diphiri di fetogile
06 Aug 2018
Go tswa goo-lowe, diphiri di ntse di thusa mo dintshong go epa mabitla ntleng le dituelo dipe, se e le go supa lorato le kutwelobotlhoko mo go ba ba tlhokafaletsweng.
Mo segompienong, tsamaiso ya diphiri e fetogile ka bonya ka bonya seabe sa diphiri se simolola go nyelela jaaka muuwane tsatsi le thaba.
Mongwe wa bagolo kwa Borolong, Rre Batshani Nawa o tlhaloseditse BOPA fa leina la diphiri le biditswe borre ba ba ithaopang go epa mabitla mo metseng ya bone ba sa duelwe.
A re ba biditswe diphiri ka gore phiri ke phologolo e e epang mesima masigo mme e bile go se motlhofo go e bona e dira jalo mme borre ba le bone ba epa mabitla bosigo go se ope yo o ba bonang.
O thalositse fa mo malobeng, diphiri di ne di sa gakololwe tiro ya tsone fa go tlhagile loso, ba ne ba tla letsatsi pele ga phitho e bile ba tshwara nako.
A re fa dintsho di feta bongwe diphiri di ne di ikgaoganya, tiro ya bone ba e dira dipula di na le go le serame.
Yo o neng a seke a itshwenya go ya go thusa a re morafe o ne o mmaya leitlho, mme fa loso le tlhagogile kwa ga bone, borre ba bangwe le bone ba ne ba itulela ba sa e go thusa go epa lebitla.
A re malome o ne a ya go thaya lebitla bosigogare, mme a salwe morago ke koloi kgotsa dikoloi tse di pegileng diphiri, mme fa mabitla a le gaufi ba ne ba bopelela ba itaya ka la ga Moshe go ya mabitleng.
A re diphiri di ne di lala di epa lebitla bosigo ba gotsitse molelo go ba bonesetsa, ba sa tshwanela go tswelwa ke letsatsi kwa mabitleng.
E ne e le moila go bona diphiri, yo o ka ba welang ka phoso o ne a tshwanelwa ke go sia la mmutla o alotswe ke dintša.
Rre Nawa a re fa diphiri di epa, go ne go nna le monnamogolo mongwe yo o di tlhokometseng gore ba epa sentle ebile ba itshwara sentle, a gatelela fa yo o dirang maitseo a a makgasa a ne a kgwathisetswa gone kwa mabitleng.
Rre Nawa a re diphiri di ne di goroga kwa lwapeng makuku, ba fithela ba apeetswe dijo tse ba neng ba di ja ba le nosi, ba sa tlhakane le morafe fa ba a ja.
A re ba ne ba apeelwa podi le letsogo la kgomo ka go ne go dumelwa gore fela jaaka phiri ya phologolo, ba rata nama bobe.
Mo malobeng a re seabe sa diphiri se ne se bonala, e bile ba tlotlwa ka go bo ba ne ba rotloetsa mowa wa boithaopo, kutwelobothoko le lorato.
Rre Nawa o tlhalositse fa gompieno seabe le tsamaiso ya diphiri di fetogile, borre ba sa tlhole ba ithaopa.
A re mowa wa boithaopo o fokotsegile ka batho ba eteleditse madi pele, ba batla go duelelwa go epa mabitla.
Tlhaelo ya diphiri a re e feletsa e baka gore bangwe ba felele ba ikanya go thapa katakata go epa mabitla, mme se se ba okeletse ditshenyegelo mo losong.
“Diphiri tsa gompieno ba kgona go epa mabitla motshegare ba bo ba pake le majalwa go ya koo, mo go feletsang e nna ga mmapereko kwa mabitleng, ba sa itshware sentle mo ba kgonang le go lwa, se e bo e se go tlotla loso,”Rre Nawa a supa.
A re Batswana fa ba ka seke ba itharabologelwa, diphiri di ka felela di nyeletse mme se, se oketse ditshenyegelo tsa loso ka go thapa ba ba epang mabitla, e bile go ka bolaya mowa wa lorato le boutwelobothoko o o neng o supiwa ke morafe mo dintshong. BOPA
Source : BOPA
Author : Festus Outule
Location : Festus Outule
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2018



