Lesetedi o akgola mokgatlho
06 Aug 2018
Mogolwane mo sepodising sa Botswana Rre Nnunu Lesetedi o iteetse legofi mokgatlho wa Botswana Institute of Rehabiltation and Reintergration of Offenders (BIRRO) o o itebagantseng le go fetola matshelo a banana ba e leng badira melato.
E rile fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng mo kgotleng ya Moshupa ka lesatsi la kaloso ya dialogane tsa mokgatlho oo di le masome a mararo, a leboga mogolwane wa BIRRO a re maiteko le maikaelelo a bone ke a a eletsegang mo setshabeng.
A re go a lebosega go bona go na le Batswana ba ba ititeileng sehuba go tshwaragana le puso go aga Botswana yo mosha, o o gololesegileng, a tlatsa ka go re kgololesego e ka nna teng fela fa go sena borukutlhi jo bo beileng Batswana mo lehumeng,kutlhobotlhoko le bohutsana.
O tlhalositse fa lefatshe leno le tlhagafaditswe ke borukutlhi jwa methale ee farologaneng ebile e le jwa maemo a a ko godimo, a supa fa tiriso ya ditagi tsa metswako e e farologane le majalwa a mo malwapeng di tsere phekelo e sele, selo se a kaileng fa se rotloetsa ditiro tsa borukutlhi.
A re matlhotlhapelo ke gore dikgetsi tsa badiramelato ya go nna jalo di tsaya lebaka go atlholwa ka jalo ba ba amegang mo melatong ya go nna jalo ba felele ba batla ditsela tsa go iphemela ka go dira dikgetsi tse dingwe gape, selo se a reng se busetsa maiteko ba sepodisi a go lwantsha borukutlhi kwa morago.
Rre Lesetedi o kopile Batswana go tshwaragana le puso go lwantsha borukutlhi le go aga Botswana yo o phepa, a itshekile ebile eletsega.
O kopile morafe go lesa go bipa mpa ka mabele.
A re batho ba ikanye thata lefoko la Modimo go ba supetsa tsela ya go aga setshaba.
E rile fa a ntsha la gagwe mo boemong jwa batsadi ba bana ba bone ba thusiwa ke BIRRO, Mme Boitumelo Motsumi, a tlhalosa fa go sena motsadi yo o eletsang go bona ngwana wa gagwe a inaakantse le ditiro tsa boikepi.
A re keletso ya bone ke gore bana ba ba itirele maina a a ba tlotlomatsang mo setshabeng.
O rotloeditse batsadi go emela bana ba badira melato ka dinao go ba batlela dithuso tsa ba golola mo bo ditirong tse di makgapha.
A re go ba tlhabelwa ke ditlhong ke go ba okeletsa mathata.
Mme Motsumi a re go itlhoboga ga se molemo wa kgang, bomolemo ke go dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go fetola bana ba bone go nna dibopiwa tse disha. BOPA
Source : BOPA
Author : Mphoentle Goadile
Location : MOSHUPA
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2018



