Ba Bothatogo ba lela ka seemo sa tsela
06 Aug 2018
Banni ba Bothatogo ba ikuetse mo pusong go tlhabolola tsela e e gokaganyang motse wa bone le wa Toteng.
Ba ikuetse jalo mo phuthegong ya kgotla ba supa fa seemo sa tsela eo se sa ba jese diwelang ka jaana e sa tsamaege.
Ba re e re ba itse fa letlhoko la madi e le mmaba, bogolo puso e sekaseke go tshela lokgarapana mo tseleng go e tokafatsa.
Kgosi Gakebonwe Leduledi a re tsela eo e ba beile ka fa mosing ka jaana le dipalamo tsa setshaba di seyo ka ntlha ya seemo sa yone.
A re bangwe mo motseng ba ne ba ithaopile go thusa morafe ka dipalamo mme ba emisitse ka jaana beke le beke ba tshwanelwa ke go baakanya dikoloi.
O tsweletse a re tsela eo e tletse matlapa mme a kopa gore puso e tsiboge ka seemo seo se ama le yone itsholelo ya motse.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Masedi Orapeleng o ne a iteela kobo moroko ka seemo sa tsela mme le ene a kopa gore e potlakelwe.
Fa a lekodisa ka ditlhabololo tsa motse, o boletse fa ba itumelela maiteko a puso a go tokafatsa matshelo a banni mme a supa fa mananeo mangwe a tla ka bonya a nankola mananeo a LIMID le la banana.
Rre Orapeleng o ne a supa fa ditiro tsa madi a dikgaolo di tsweletse mo motseng.
A re ba ne ba kopile ntlo mme e setse fela ka go rulelwa.
A re ngwaga ono wa madi ba kopile go agelwa lebentlele la marekisetso a nama.
O ne a lela gape ka tlhaelo ya dipompo mo motseng.
A re bontsi di tswetswe mme go bereka e le nngwe, ka jalo seo se raya go re bangwe ba tlaa felela ba aga metsi mo lecheng la Ngami jaaka le setse le simolotse go tshela ba tshaba go tsamaya sekgele go batla metsi.
O ikuetse mo go ba koporase ya metsi go bula dipompo.
A re go nwa metsi a noka ga go a siamela botsogo.
Fa a fetola, mogolwane wa koporase ya metsi, Rre Lebani Lebani o boletse fa tshwetso ya go tswala dimpompo e dumalanwe ke morafe morago ga go lemoga fa metsi a sa dirisiwe sentle e bile le dimpompo di sa tlhokomelwe.
A re bangwe ba ne ba gelela metsi bosigo go nosa leruo le ntswa metsi ao a diretswe go nowa ke morafe mme ka jalo ba bona go le botoka go tswala dipompo dingwe.
O boletse fa banni e le bone ba itlhabileng ka thipa mpeng ka go tlhoka go somarela thoti e e teng. BOPA
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Esther Mmolai
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Aug 2018



