Breaking News

Ditagi mmaba

06 Aug 2018

Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re botswerere bo kgorelediwa ke tiriso ya ditagi le go nowa ga bojalwa phetelela.

Rre Mokwena o buile mafoko a ka Matlhatso, fa a ne a simolodisa dikgaisanyo tsa mabelo di rulagantswe ke ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao kwa Lobatse.

O ne a kopa batabogi go ikgapha mo ditirong tse di ka ba kgoreletsang go supa botswerere jwa bone, mme gape tsa senya le matshelo a bone.

O ne a kgothatsa batabogi gore fa ba ka tsaya mabelo le metshameko ka tlhwoafalo, di ka dira gore ba nne le se ba itshetsang ka sone mo isagong, a tlatsa ka go re botswerere ke mpho e e botlhokwa mme e tshwanetse go somarelwa.

E rile a ema ba-tsaya karolo ka lefoko, moitseanape go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Moreetsi Bogosi a tlhalosa fa mabelo le metshameko di ribolola talente ya banana ba ba sa tseneng sekole.

Rre Bogosi o boletse gore lenaneo le, le aname le dikgaolo le dikgaolwana ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatheng, go ba itsa go nwa majalwa, go dirisa ditagi le go nna dinalanyana.

O bolela gape gore mabelo a thusa gore ba-tsaya karolo ba itshidile mmele, a tlatsa ka go re go botlhokwa go thibela go na le gore batho ba tsenwe ke malwetse a a sa tshelanweng. 

O tlhalosa fa gape motho yo o itshidilang mmele a sa tsofale ka pele.

Mo go tse dingwe, Rre Bogosi o boletse gore lenaneo le la dikgaisanyo tsa dikgaolo le tswelela ka go tlhabologa, a tlatsa ka go re lenaneo le le ngokile banana ba feta makgolo a matlhano, ba ba fetetseng mo legatong le lengwe ka tsholofelo ya gore ba bangwe ba tlaa ithuta mo go ba bangwe.

Mogokaganya ditiro mo kgaolong ya borwa, mo lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Mme Malebogo Mosala o lebogile thata bogogi jwa Lobatse, a re dinako tsotlhe ba fa lephata kemo nokeng. Mme Mosala o akgotse ba lekgotla la mabelo ka boithaopo jwa bone, a tlatsa ka go re ka ntata ya thuso ya bone go tlaa ntshiwa diteemane tsa mabelo. BOPA

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Dikgaisano tsa mabelo

Date : 06 Aug 2018