Boturu ke poelo morago
06 Aug 2018
Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya o gakolotse bagwebi ba babotlana go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di tlaa kgontshang gore dithoto tsa bone di rekwe.
Rre Goya o buile jalo kwa ditshupong tsa bagwebi ba babotlana ba ba dirang dithoto ka diatla, ba ba thusitsweng ke ofisi ya boipelego mo kgaolong ya Legare ka Labotlhano kwa Mahalapye.
A re go paralatsa menwana go koba bareki, a tlatsa ka gore, “Go batla khumo ka lepotlapotla go busetsa morago.”
O tlhalositse gore kgwebo e ka kgona go gola le go itshetlela ka go bona dipoelo, ka jalo dithoto tse di beilweng ditlhwatlhwa tsa boammaruri di kgona go rekwa ka bofefo.
Rre Goya a re bagwebi ba babotlana ba dirisa kitso e ba e filweng ke Modimo go ntsha dithoto, mme a re le fa go ntse jalo go botlhokwa go ithuta mo go ba bangwe go tlhabolola boleng jwa dithoto tsa bone.
Rre Goya a re maikaelelo a ditshupo tsa mofuta o, ke go tlotlomatsa le go godisa maiteko a bagwebi ba babotlana.
A re se se dirilweng ke lephata la boipelego se supa gore puso e lemoga seabe sa bagwebi ba ba fatlhogang.
O ne a supa gore boikarabelo jwa lephata la papadi ke go tlotlomatsa babeeletsi le go tlhabolola madirelo a sennela ruri.
“Maikalelo ke go bona bagwebi ba babotlana ba kgona go ntsha dithuto le ditirelo tse di kgonang go gweba kwa mafatsheng a mangwe, ga bua jalo Rre Goya yo o neng a tswelela a tlhalosa fa ditshupo tsa mofuta o, e le tshimologo ya mosepele o mogoga moleele, o tla tsewang ke bagwebi gore ba itirele maina, ba fetoge bagwebi ba popota.
“Se ke tshimologo, kgabagare le tlaa gola, le bo le kgona go phadisana mo mmarakeng wa mafatshefatsheng,” a tlatsa jalo.
Rre Goya a re Amerika o na le thulaganyo ya go batlela dithoto tse di dirwang mo gae mmaraka kwa moseja.
A re lenaneo la AGOA le thusitse gore dithoto tse di tswang mo Africa di kgone go rekisiwa kwa mmarakeng wa Amerika.
O supile gore le fa bagwebi ba babotlana ba fatlhoga, ba tlhoka go tsamaisiwa tshipidi tonto, boammaruri ke gore ba itse se ba se dirang, ba ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo.
“Le fa dikgwebo tsa lona di le dipotlana, ke itumelela go bona le ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo, ka jalo go le motlhofo gore di rekisiwe kwa mafatsheng a sele,” ga bua Rre Goya.
Re le puso, re tshwanetse go rotloetsa bagwebi ba babotlana go ntsha dithoto tsa boleng ka dipalo tse di kwa godimo gore di kgotsofatse mmaraka wa mafatshefatshe.
Rre Goya o ne a supa gore puso e tswa ka mananeo a go lwantsha lehuma, go tswakanya itsholelo le go tlhama ditiro, mme seo se ka fetoga ka tshwaragano le bagwebi ba ba potlana.
A re maikaelelo a ditshupo ke go supa gore puso e batla go neela bagwebi ba sebaka sa go ithuta e seng go direlwa gore ba nonofe ba godise dikgwebo tsa bone.
“Letsema le thata ka mong wa lone, nonofang, tshwarang ka thata, dirang ka lorato mme rona re le puso re tla thusa go batla mmaraka,” ga rialo Rre Goya.
Le fa go ntse jalo, Rre Goya o tlhagisitse bagwebi ba babotlana go ikela tlhoko gore ba seka ba jewa ntsoma ke bagwebi ba ba tlang ka maretshwa a gore ba ka ba thusa go rekisa dithoto tsa bone kwa mafatshe a mangwe.
“O tlaa utlwa motho a re ke tlaa tla ke go neela seabe sa gago ke sena go rekisa, mme morago a tsene ka lenga la seloko.” Ipabaleleng mo bathong ba go nna jaana, lephata la papadi le tla thusa go le batlela mmaraka, ga tlhalosa Rre Goya.
O tsweletse a gatelela botlhokwa jwa go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le go tsenya matshwao go di sireletsa le go supa gore di dirwa mo Botswana. BOPA
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : ditshupo
Date : 06 Aug 2018



