Breaking News

Ba Lerala ba batla tlhaloso ka tsholofetso ya sepatela

05 Aug 2018

Mopalamente wa Lerala/ Maunatlala, a re o tlaa dira bojotlhe gore tona wa botsogo le boitekanelo, Dr Alfred Madigele a etele motse wa Lerala go tla go bua ka kgang ya bone ya sepatela.

Rre Prince Maele o buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Rre Maele o ne a tsibogela dikakgelo tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse le banni bangwe ba motse wa Lerala.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lerala Bokone, Rre Keitumetse Baithumi o ne a kopa Rre Maele go tlhalosetsa morafe ka kgang ya sepatela se ba kileng ba se solofediwa le go tlhalosa kgang e ba kileng ba e solofediwa ke Mme Dorcas Makgato fa a santse e le tona wa botsogo le boitekanelo ya go atolosiwa ga kokelwana ya bone ka lenaneo la ESP.

Rre Kebaabetswe Setlhong ene o ne a kopa mopalamente wa bone go sekaseka kgang e ba kileng ba e akanya e le ba motse wa Lerala e ba neng ba batla go roma bangwe ba ba tlaa yang kwa go tona yo o maleba go ya go botsa ka kgang ya sepatela.

Ka jalo Rre Maele o ne a itsise banni fa a ne a kgona go kopana le Tona Madigele go mo lekodisa ka kgang ya sepatela.

O boleletse banni fa Tona Madigele a mo solofeditse fa a tlaa tla kwa motseng wa bone gore ba bue ka kgang ya sepatela. O ne gape a itsise banni ba motse wa Lerala gore Tona Madigele o tlaa batla dintlha ka dikgang tsa bone mme a tle go bua le bone.

Mokhanselara wa Lerala Bokone, Rre Kabo Ketshogile o ne a kopa mopalamente wa bone go tsaya kgang ya bone ya sepatela ka tlhoafalo ka ba sa bolo go bua thata ka yone. 

O ne gape a kopa Rre Maele go tlhodumela kgang ya bogosi jwa motse wa bone ka ba sa bolo go isa mokwalo kwa go tona yo o lebaneng. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : kgotla meeting

Date : 05 Aug 2018