Breaking News

Kgosi o ngongorega ka go itlhokomolosa bana

05 Aug 2018

Kgosi Lebotse Kgosidintsi wa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng a re o tshwentswe ke bana ba ba tlogelwang ba le nosi ke batsadi ba bone mme seo se nne borai mo matshelong a bone. 

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Kgosidintsi o tlhalositse fa mo nakong e, ba tlhotlhomisa ditiragalo dile mmalwa tsa bana ba ba tlogetsweng ke batsadi bale nosi mme e bile bale ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome. 

A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore mo makgethong a mangwe bana bao ba tlogelwa le bo monnaabone ba ba santseng ba ithuta go tsamaya mme seo se dire gore bana ba mofuta oo ba seka ba gola sentle ka ba tlhokana le tlhokomelo ee faphegileng. 

A re seemo seo se baa bana bao mo boraing jwa go utswiwa ke batho, go dirisiwa botlhatswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ke ba masika ga mmogo le go ka ikgobatsa fa ba leka go dira ditiro tsa mo lwapeng jaaka go apaa. 

O boletse gore bana bao gape ga ba kgone go tsena sekolo sentle ka go sena yo o ba rotloetsang go ya sekolong ga mmogo le go ba baakanyetsa kapari ya sekolo. 

Kgosi Kgosidintsi a re ele boeteledipele jwa motse kgang eo e ba tshwentse thata, ka jalo ba itlamile go ikopanya le ba boipelego go leka go thusa bana bao, mme a kopa morafe go ba thusa go batla batsadi ba bone. 

O kopile batsadi go tsaya boikarabelo mo matshelong a bana ba bone gore batle ba gole sentle, a re ngwana mongwe le mongwe ona le tshwanelo ya go tshela sentle ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ba gagwe, e bile a na le bonno jo bo siameng ga mmogo le dijo le diaparo. 

Mo go tse dingwe, Kgosi Kgosidintsi a re borokutlhi jwa bogodu jwa loruo le jone bo ile magoletsa. 

A re go utswiwa dikgomo thata, mme di bolawe go ntshiwe mateng le matlalo. 

A re ba tlhotlhomisa dikgetsi di le nne tsa mofuta oo, mme ba kgonne go bona babelaelwa ba kgetsi ele nngwe fa tse dingwe ba santse bale mo letsomong la babelaelwa. A re bogodu jwa ditonki le jone bo ile magoletsa, a tlhalosa fa batho ba utswa ditonki ba di tlhabe mme morago ba di rekisetse mo malwapeng. 

O tlhalositse fa go setse go nnile le ba ba tshwerweng bale mmalwa e bile ba bangwe ba setse ba atlholetswe kgolegelo go dira malato wa go tshwana le oo.

Kgosi a re morago ga go lemoga fa borukutlhi bo golela pele, ba ile ba ikopanya ele boeteledipele jwa motse mme ba ikgolaganya le baruti ba dikereke go ba thusa mo letsholong la bone. 

A re mo nakong ya gompieno ba tshwara bokopano jwa go leka go tlhama mekgatlho ee farologaneng ya go lwantshwa borukutlhi, e bile ba solofela gore seo se tlaa ba tswa tema. 

Fa a wetsa o kopile banni ba motse wa gagwe go nna le seabe mo go lwantsheng borukutlhi, a re ba tshwanetse ba itse gore fa motho a tlhasetswe ba mo tswe thuso. BOPA

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : LENTSWELETAU

Event : potsolotso

Date : 05 Aug 2018