Go dirilwe melao e e itebagantseng le ditlhakanatlhogo
05 Aug 2018
Palamente e dirile melao e le mokawana e e itebagantseng le go lwantsha ditlhakanatlhogo mme o tlhakanetswe ke mafatshe a le lesome le bone.
Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele kwa diphuthegong tsa kgotla fa a ne a etetse kgaolo ya gagwe ya botlhophi bosheng.
A re melao e, e ne e dirwa go lebilwe dikgang tsa botlhakanatlhogo le tiriso ya madi a ditiro tsa borukuthi.
Rre Maele a re le fa ditlhakanatlhogo di utlwalelwa kgakala, di kgona go fitlha mo Botswana mme ke sone se melao e, e tlhokanang le go dirwa.
A re mongwe wa melao eo ke o o letlang mafatshe go amogana badira molato.
Molao o a re o letla gore fa motho a dirile molato a bo a siela kwa lefatsheng le sele, lefatshe le a sietseng kwa go lone le mmusetsa kwa a dirileng molato teng go sekisiwa a bo a bonwe molato.
A re batho ba ne ba kgona go siela kwa mafatsheng a mangwe ba tshaba go sekela melato ya bone.
Rre Maele a re molao o mongwe ke o o buang gore fa motho a ka fitlhelwa a fitlhile setlhakanatlhogo mo tlung ya gagwe kana ka tsela nngwe a bonwe molato.
O mongwe molao a re ke o o fang ba ba maleba dithata tsa go tsena mo mabolokelong go batlisisa se se diragalang fa go na le dipelaelo dingwe.
Rre Maele o itsisitse banni gape ka molao o o neng wa dirwa o o itebagantseng le go gweba ka batho.
A re mo molaong o, go tlaa bonwa molato yo o thusang kana yo o dirang tiro ya go gweba ka batho a re bangwe ba kgona go tsietsa batho ba ba solofetsa ditiro kana dikole kwa mafatsheng a mangwe mme e re motho o tsena kwa lefatsheng leo, a fithele go sa nna ka fa a solofeditsweng ka teng.
O supile fa yo o tshwarwang a dira jalo a tlaa sekisiwa.
A re molao o mongwe o o ne o sa itebaganyang le ditlhakanatlhogo ke wa tiriso ya maranyane jaaka megala ya letheka le tse dingwe, go fa motho tetla ya go dirisa bosupi jo a bo romeletsweng ka maranyane fa a sekisa mongwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : kgotla meeting
Date : 05 Aug 2018



