Dipalo tsa dikgetsi tsa matlhapa di a tshwenya
05 Aug 2018
Mothusa Kgosi wa kgotla ya Peleng kwa Lobatse, Mme Tshegofatso Setumo a re dipalo tsa dikgetsi tsa matlhapa tse ba kopanang le tsone di a tshwenya.
O tlhaloseditse BOPA fa ba otlhaya ba dira molato ka thupa. A re borre ke bone ba ba otlhaiwang ka thupa fa bomme bone ba ba atlhola madi kgotsa kgolegelo a tlatsa ka gore dithupa ba atlhola tse thataro kgotsa kwa tlase. Kgosi Setumo a re dikgang tse dingwe tse ba kopanang le tsone ke tsa dititeo, bogodu le maitseo a a makgasa.
A re go le gantsi, dikgang tse di diragala badiramolato ba gantsi e leng borre, ba bo ba iphetisitse dino. A re dipalo tsa dikgetsi tse ba nnileng le tsone go tla go tsena mo nakong ya gompieno di wetse tlase fa go tshwantshanngwa le ngogola.
Kgosi Setumo a re o dumela gore thupa ke molemo e a aga ka gore fa ba sena go otlhaya badiramolato, go nna le diphetogo mo maitsholong a bone. A re ba dirisa thupa mme e re fa motho a sa fetoge e nne gone ba mo atlholelang kgolegelo.
Mo go tse dingwe, Kgosi Setumo a re se sengwe se a se itemogetseng ke gore banana ba ba sa dirang sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro le wa botlhano ba itlhaganelela go bereka mo lenaneong la Ipelegeng mme a ba kgothatsa go tsena dikole tsa dithuto tsa diatla.
A re banana bao ba a bo ba santse ba le dingwaga tsedi kwa tlase mme ebile ba na le sebaka sa go tsena sekole, go itirela bokamoso jo bo botoka. A re o rotloetsa gore lenaneo la Ipelegeng le dirwe ke batho ba ba godile.
Banana a re ba tshwanetse go leka go batla ditsela tse ba ka itshetsang ka tsone go na le go tlhola ba a nwa majalwa le go inaakanyna le borukutlhi. A re banana ba ka inaakanya le mananeo a puso a ba a diretseng kgotsa temo-thuo. BOPA
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : LOBATSE
Event : potsolotso
Date : 05 Aug 2018



