Breaking News

Baithuti ba lebogela lenaneo

05 Aug 2018

Baithuti ba thuto ga-e-golelwe ba akgoletse puso go bo e ne ya tsaya tshwetso ya gore go nne le lenaneo la thuto ga-e-golelwe, ba supa fa le ba sologela molemo fela thata. 

Baithuti ba ga-e-golelwe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ntshitse bopaki ka thuto eo jaaka ba ne ba kokoane kwa motseng wa Mulambakwena ba le mo malatsing a go ipelela dithuto tsa bone. 

Ba boletse fa thuto ga-e-golelwe e ba ntsha mo lefifing la go tlhoka go itse go bala le go kwala, seemo se ba boletseng fa se bakilwe ke dikgwetlho le mabaka mangwe a botshelo. Ba re ba itumelela gore puso e ne ya lemoga seo, ka jalo ya simolodisa thuto gaegolelwe. 

Bangwe ba tlhalositse fa ba ne ba sa itse go bala le go kwala le one maina a bone, mo ba neng ba tshwaragana le bothata fa go tla nako ya gore ba bale sengwe kgotsa ba saene. 

Ba re e sale ba inaakanya le dithuto tseo jaanong bothata joo e setse e le selo sa maloba. Ba tsweletse ba re e re ka jaana thuto ga-e-golelwe e akaretsa le ditiro tsa diatla,ba setse ba itse le go dira ditiro dingwe tsa diatla, tse di kgonang go ba tlodisa melatswana e tletse. Moithuti Mme Chatiwa Lekgetho wa Mbalambi o ne a supa fa thuto ga-e-golelwe e mo ntshitse mo lefifing ka a setse a itse go ipalela le go kwala, morago ga tshokolo e a kileng a e ralala ka ntlha ya go tlhoka go itse go bala le go kwala. 

A re e ne re fa a amogetse lekwalo gotswa kwa posong a bo a tlamega go tlhotlhoma a ya go kopa bangwe go mmalela, a tlhalosa fa e ne e le botshelo jo bo neng bo sa mo jese di welang. 

Baithuti ba bangwe, Mme Chandapiwa Robson wa Mulambakwena le Rre James Kgopolo wa Francistown bone ba boletse fa jaanong ba kgona le go ipalela ditaelo fa ba filwe kalafi ke ba bongaka le ditaelo tsa ka fa didirisiwa dingwe di tshwanetseng go dirisiwa lego tshwarwa ka teng. 

Fa a bula semmuso kokoano eo bosheng, mookamedi wa pele wa lephata la Out of School and Education Training (OSET) Rre Thebenala Thebenala o ne a gwetlha baithuti go tshwara ka thata le go dirisa sebaka se ba se fiwang ke puso sa go ithuta go bala le go kwala ga mmogo le go inaakanya le ditiro tsa diatla, go leka go nyeletsa lehuma mo malwapeng a bone. 

O ne a ba gwetlha go dirisa tikologo e ba tshelelang mo go yone go itshetsa le ba malwapa a bone, a ba gakolola gape go nna ba anywa dikitso ka go farologana tse di ka ba thusang go tokafatsa matshelo. 

Rre Thebenala a re ba seka ba inyatsa ka gope mo botshelong mme ba somarele le go dirisa dithuto tse ba di fiwang go itshetsa le go itirela motlhala, a re ba itse fa go bona sebaka seo sa go ithuta e le mpho ya Modimo. 

A re ka dingwaga tsa bo 1980 fa go simolodisiwa lephata leo, 91% ya batho ba lefatshe leno e ne e le ba ba sa itseng go bala le go kwala mme mo pegong ya 2011 dipalo di ne tsa supa fa 91% ya batho ba lefatshe leno ba itse go bala le go kwala, a re kgatelopele eo e fa tsholofelo ya gore mo pegong e e latelang dipalo tsa batho ba ba itseng go bala le kwala di tla bo di le kwa godimo. 

Mogolwane gotswa mo lephateng la OSET, Mme Gloria Thagane o ne a tlhalosa fa beke ya baithuti ba ga-e-golelwe e ketekwa ngwaga le ngwaga, ka maikaelelo a go fa baithuti ba bontsi jwa bone e leng bagolo sebaka sa go kopana ba tla go ipelela dithuto tsa bone. 

A re malatsi ao a beke gape a fa ba-na le seabe sebaka sa go kopana go tla go neela baithuti maele ka go farologana. 

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart o ne a re o na le tumelo ya gore baithuti jaanong ba tla akanya go feta jaaka ba ntse ba akanya go leka go nyeletsa lehuma, a bo a ba tlhagisa kgatlhanong le go nna ba inaakanya le mananeo a a tshwanang mme ba itlhokomolosa a mangwe. 

A re ba seka ba inaakanya le go dira didirisiwa tsa bone ka nako ya beke ya ipelelo dithuto tsa bone fela mme seo e nne sejo sa bone sa letsatsi, le gore ba bapatse dithoto tsa bone le kwa mafelong a mangwe. 

Mokhanselara Smart a re o lemogile gore fa lephata la OSET le ka tsewa ka tlhoafalo, le ka dira ditso mo lefatsheng ka go ntsha batho bogolo jang bagolo mo lehumeng, a tlatsa ka go gakolola baithuti ba kgaolo eo go nna ba ya go tsaya malebela kwa go ba dikgaolo tse dingwe go oketsa kitso e ba nang le yone go isa kgaolo kwa pele. BOPA

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MULAMBAKWENA

Event : ipelo

Date : 05 Aug 2018