Kgosi o lela ka tsela le tlhaelo ya dikoloi
05 Aug 2018
Mogolwane wa lephata la ditsela, Rre Ishmael Rannoko a re le fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa, tsela e e golaganyang Moralane le Mosolatshane e tlaa gopiwa go tokafatsa seemo sa yone.
Rre Rannoko o ne a tsibogela mafoko a ga Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane gore tsela e na le lobaka e sa gopiwe mo e kgoreletsang mosepele wa go batla ditlamelo kwa metseng e mengwe jaaka Shoshong, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabolo ngwao, Rre Dikgang Makgalemele kwa Moralane ka Labone.
Rre Rannoko a re mo nakong eno, ba na le motshine o le mongwe o o gopang ditsela tsa mmu mme go tsaya lobaka go baakanya ditsela tsotlhe mo kgaolong.
A re mo bogompienong, motshine o santse o gopa tsela kwa Dibete mme e tlaare go wetsa tiro eo, o fudugele kwa tseleng ya Moralane.
O tlhalositse gape gore thulaganyo ya go abela tiro eo konteraka e e tlaa e dirang mo sebakeng sa ngwaga e tsweletse. Rre Rannoko a re e tlaare thulaganyo eo e santse e tsweletse, ba tlaa dira maano a go tokafatsa tsela ka go thapa dikonteraka tse di potlana go e dira. Kgosi Modisapodi o ne a supa gore tsela e na le lobaka e sa gopiwe mme go nna thata go bona ditlamelo ka nako.
O supile gore fa go tlhagoga diemo tsa tshoganetso jaaka bolwetse, go sa nne motlhofo go ragosetsa molwetse kwa a ka bonang thuso e e botoka teng, mathata e le seemo sa tsela e sa tsamaegeng. Kgosi Modisapodi o kopile gape gore khansele e tsibogele go rema ditlhare tse di mo thoko ga tsela e e tswang Shoshong e ya Mosolotshane.
“Tsela ya Shoshong/Mosolotshane le yone e hupeditswe ke ditlhare re mo diphatsheng tsa go dira dikotsi,” Kgosi Modisapodi a supa. O ikuetse ka tlhaelo ya dikoloi kwa kgotleng ya Moralane, a re le fa mapodisi a dira ka natla go lwantsha borukuthi, letlhoko la koloi le folodisa maiteko a bone.
A re Moralane ke mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo jalo seemo sa tsela le tlhaelo ya dikoloi di dira gore go nne thata go goroga kwa Shoshong kwa ba bonang ditlamelo teng.
“Go botlhokwa go nna le koloi go fefosa mosepele wa go batla ditlamelo tsa botsogo le tse dingwe,” a supa. E rile a tsibogela kgang ya tsela ya Shoshong/Mosolotshane, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi o ne a supa fa e le boammaaruri tsela eo e hupeditswe ke sekgwa.
O supile fa mo ngwageng tse pedi tsa madi ka go latelana, khansele e ntse e sena madi a go rema ditlhare mo matlhakoreng a tsela.
Rre Molatlhegi a re ofisi ya gagwe e kgonne go bona madi a a tla dirisiwang go tokafatsa seemo.
E rile a tsibogela kopo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse ya gore Moralane a abelwe koloi ya kokelwana, mooki go tswa kwa sepateleng sa Shoshong, Mme Baoketsi Keletso a supa fa kopo ya bone e ka se kgonagale ka kgaolo e tlhaelelwa ke dikoloi. “Re na le dikoloi di le tharo fela tse di berekang kgaolo yotlhe ya Shoshong,” Mme Keletso a supa. Mopalamente wa Shoshong, Rre Makgalemele a re seemo sa ditsela tse di sa tsamaegeng ke selelo lefatshe ka bophara.
A re mopalamente wa Nata/Gweta o kile a ntsha tshutiso kwa Palamenteng gore go tlhamiwe lekalana le le tlaa itebaganyang le go tlhabolola ditsela.
A re seo e ne e le maiteko a go batla tharabololo ya seemo sa ditsela se se sa jeseng diwelang. Mo go tse dingwe, Rre Makgalemele o gakolotse morafe wa Moralane go tswa ka maano a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone.
A re, e ne yare bosheng a le mo phuthegong le baeteledipele ba metse e e mo kgaolong ya gagwe kwa Shoshong, mongwe a tswa ka mogopolo wa gore ba dire motshelo wa ditena go thusa go agela ba ba tlhokang thuso le matlwana a boiteketso a morafe.
A re motse mongwe le mongwe o tlaabo o kgobokanyetsa ditena tseo mo kgotleng. Rre Makgalemele a re go aga matlwana a boitiketso a morafe go ka thusa go tokafatsa seemo sa botsogo le go lwantsha bolwetse jwa mabele jo bo digang boleng jwa leruo.
E rile a itebaganya le lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Makgalemele a re o santse a dumela gore ditshingwana tsa merogo tsa mo malwapeng di ka dira botoka.
O supile fa bangwe ba ba di filweng ba paledisiwa ke tlhaelo ya metsi a re go botlhokwa gore koporase ya metsi e nne le seabe.
“Ke buisana le bangwe ba boitseanape gore ba re thuse go di tsosolosa,” a tlhalosa.
O gakolotse morafe wa Moralane go seka seka dikgwebo tse ba bonang di ka kgona go dirwa mo motseng wa bone a re “re tshwanetse re dumalane ka mananeo a go nyeletsa lehuma, re tswe ka megopolo go tlhama ditiro.”
Rre Makgalemele a re go botlhokwa go rotloetsa bagwebi ba ba botlana, ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba kgone go itshetlela. A re go godisa ngwao le gone go ka tlhama metswedi ya khumo.
O supile gape botlhokwa jwa go nna le mananeo a a rotloetsang botsogo le boitekanelo.
“Dirang dikomiti tsa botsogo le itshidile mebele,” Rre Makgalemele a kgothatsa. A re ba lwantshe borukuthi, ba seka ba nna le tumelo ya gore go lwantsha borukuthi ke tiro ya mapodisi. BOPA
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MORALANE
Event : kgotla meeting
Date : 05 Aug 2018



